Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Baesekopo e e Agang Tumelo ya Dingwaga di le 100

Baesekopo e e Agang Tumelo ya Dingwaga di le 100

“E kete ke bona Mokaulengwe Russell ka boene!”—Mmogedi wa “Photo-Drama” ka 1914.

MONONGWAGA ke ngwaga wa bo100 fa e sa le “Photo-Drama of Creation” e tshamekiwa lekgetlho la ntlha, mme e ne e le baesekopo e e diretsweng go thusa batho gore ba nne le tumelo mo Baebeleng gore ke Lefoko la Modimo. Mo motlheng o batho ba neng ba feletswe ke tumelo ka ntlha ya go dumela mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, ka ntlha ya go tshwayatshwaya diphoso ga maemo a a kwa godimo le ka ntlha ya dipelaelo, “Photo-Drama” yone e ne e tlotlomatsa Jehofa e le ene Mmopi.

Charles T. Russell, yo o neng a eteletse Baithuti ba Baebele pele, ka metlha o ne a batla ditsela tse di molemo thata le tse di bonako tsa kafa go ka kgonegang ka gone go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Baithuti ba Baebele ba ne ba setse ba dirisitse dikgatiso ka dingwaga di feta 30. Jaanong ba ne ba lemoga sengwe se sesha se ba ka se dirisang—ditshwantsho tsa baesekopo.

GO ANAMISA EFANGELE KA DITSHWANTSHO TSA BAESEKOPO

Ka bo1890, batho ba ne ba simolola go bontshiwa ditshwantsho tsa baesekopo tse di se nang mantswe. Ka 1903, filimi ya bodumedi e ne ya bontshiwa kwa kerekeng nngwe kwa New York City. Ka jalo, e ne e se kgale go simolotswe go dirwa dibaesekopo, fa ka 1912 Russell a ne a simolola go rulaganya “Photo-Drama.” O ne a lemoga gore mokgwa ono wa puisano o ka anamisa boammaaruri jwa Baebele go feta dikgatiso ka botsone fela.

“Photo-Drama” e e tsayang diura di le robedi, e gantsi e neng e bontshiwa ka dikarolo di le nnè, e ne e na le dipuo tse di khutshwane tse di rekotilweng tsa Baebele di le 96, tse di neng di anelwa ke sebui sengwe se se itsegeng se se neng se na le lentswe le lentle la go rekota. Go ne go tshamekiwa mmino wa tlelasiki o o tsamaisanang le dikarolo tse dintsi tsa baesekopo eo. Bakaulengwe ba ba nang le bokgoni ba ne ba dirisa difonokerafa go tshameka direkoto tse di nang le mantswe le mmino o o rekotilweng, ba dira gore modumo wa tsone o tsamaisane le diselaete tsa mebalabala le difilimi tse di bontshang dipolelo tse di itsegeng tsa mo Baebeleng.

“E ne e bontsha se se neng sa diragala go simolola ka popo ya dinaledi go ya kwa setlhoeng sa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete.”—F. Stuart Barnes, yo o neng a le dingwaga di le 14 ka 1914

Bontsi jwa dibaesekopo tseo le diselaete tsa galase di ne di dirilwe mo ditudiong tsa kgwebo. Bataki ba kwa Philadelphia, New York, Paris le London ba ne ba takile diselaete tsotlhe tsa galase le difilimi. Ditlhopha tsa badiri  mo Lefapheng la Botaki kwa Bethele le bone ba ne ba dira tiro e ntsi ya go taka, gantsi ba dira diselaete tse di emisetsang tse di thubegileng. Mo godimo ga difilimi tse di rekilweng, go ne ga dirwa filimi ya maloko a lelapa la Bethele kwa lefelong le le gaufi la Yonkers, kwa New York, a ntse a tshameka karolo ya ga Aborahame, ya ga Isake le ya moengele yo o neng a thibela Aborahame gore a se ka a ntsha morwawe setlhabelo.—Gen. 22:9-12.

Go ne ga tsaya nako e ntsi go bontsha baesekopo ya Photo-Drama of Creation e bile go ne go tlhokega bakaulengwe ba le bantsi ba ba ka thusang

Tsala nngwe ya ga Mokaulengwe Russell e ne ya bolelela ba dikgang gore filimi eno e ne e tla “dira gore batho ba le bantsi ba kgatlhegele Baebele, go feta selo sepe fela se se kileng sa dirwa, go anamisa molaetsa wa bodumedi mo nakong e e fetileng.” A baruti ba ne ba tla itumelela maiteko ao a go thusa batho ba bantsi ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya? Go farologana le seo, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba nna kgatlhanong le “Photo-Drama,” ba bangwe ba bone ba ile ba dirisa maano a boferefere e bile ba sa tlhabiwe ke ditlhong go thibela batho gore ba se ka ba e bona. Mo lefelong le lengwe, mokgatlho wa baruti o ne wa kgaola motlakase.

Bokgaitsadi ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi ba naya batho dikhopi tsa dibukana tse di nang le ditshwantsho tsa “Photo-Drama”

Gape batho ba ba tlileng ba ne ba newa diphini tsa “Pax” tse di nang le setshwantsho sa Jesu e le mosimanyana. Phini eo e ne e gopotsa motho yo o e tsentseng gore a nne “morwa kagiso”

Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tla ka bontsi mo mafelong a bobogelo go tla go leba “Photo-Drama” mahala. Kwa United States, “Photo-Drama” e ne e bogelwa mo ditoropong di ka nna 80, letsatsi le letsatsi. E ne e le la ntlha babogedi ba le bantsi ba bona ‘filimi e e buang,’ mme ba ne ba gakgametse. Baesekopo e e bontshang ditshwantsho tsa dilo di direga ka bonya, e ne ya ba thusa gore ba kgone go bona tsuanyane e tswa mo kgapetleng le lelomo le thunya. Tshedimosetso e e neng e bontshiwa e e malebana le saense, e ne e bontsha botlhale jo bogolo jwa ga Jehofa. Jaaka go umakilwe kwa tshimologong, fa mmogedi mongwe a lebile Mokaulengwe Russell mo sekirineng a itsise “Photo-Drama,” o ne a bona e kete sebui seo ke “Mokaulengwe Russell ka boene!”

PHITLHELELO E KGOLO YA GO RUTA BAEBELE

“Photo-Drama” e ile ya bontshiwa la ntlha ka Ferikgong 11, 1914, mo bobogelong jono jo bontle kwa New York City, jo ka nako eo e neng e le jwa Lekgotla la Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba e bile e ne e le bone ba berekang mo go jone

Mokwadi e bile e le rahisitori wa difilimi e bong Tim Dirks o tlhalosa “Photo-Drama” a re ke “baesekopo ya ntlha e kgolo e e kopanyang modumo (puo e e rekotilweng), ditshwantsho tse di tsamayang le diselaete tse di gakgamatsang tsa mmala. Difilimi tse di tlileng pele ga “Photo-Drama” di ne tsa dirisa mengwe ya mekgwa eno mme ga se tsotlhe tsa tsone tse di neng di dirisa mekgwa eno yotlhe mo filiming e le nngwe, segolobogolo tse di buang ka Baebele. Mme ga go na epe ya tsone e e neng ya nna le babogedi ba le bantsi jaaka yone—palogotlhe ya batho ba le dimilione di le robongwe kwa Amerika Bokone, Yuropa, Australia le New Zealand mo ngwageng wa ntlha fela!

“Photo-Drama” e ile ya bontshiwa la ntlha ka Ferikgong 11, 1914, kwa New York City. Dikgwedi di le supa morago ga moo, go ne ga tsoga masetlapelo a a neng a bidiwa Ntwa ya Lefatshe ya I. Le fa go ntse jalo, boidiidi jwa batho go ralala lefatshe bo ne jwa tswelela go kgobokana go tla go leba “Photo-Drama,” gore ba gomodiwe ke ditshwantsho tsa yone tse di bonalang sentle tsa masego a a tlang a Bogosi jwa Modimo. Ka ngwaga wa 1914, “Photo-Drama” e ne e le baesekopo e e gakgamatsang, go sa kgathalesege gore motho o e bapisa le eng.

Ditlhopha di ne tsa tshameka disete di le masomeamabedi tsa “Photo-Drama” go ralala Amerika Bokone