TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG October 2013

Makasine ono o sekaseka bosupi jo bo mo popong e e senolang maatla le botlhale jwa Mmopi wa rona. Gape ithute kafa re ka dirang dilo ka gone go dumalana le nngwe ya dithapelo tsa ga Jesu tse di lorato.

Ba Ithaopile ka go Rata kwa Philippines

Bona gore ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa bangwe gore ba tlogele ditiro tsa bone, ba rekise dithoto tsa bone mme ba fudugele kwa mafelong a a kgakala a kwa Philippines.

Popo e Senola Modimo yo o Tshelang

Ithute kafa re ka thusang batho ba bangwe ka gone go tlhaloganya boammaaruri malebana le Mmopi mme le rona re nonotshe tumelo ya rona mo go ene.

“Nnang Batlhanka ba ga Jehofa”

Re ka tila jang go nna batlhanka ba ga Satane? Mme gone re tla nna le tuelo efe fa re nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo direlang ka boikanyegi?

PEGO YA BOTSHELO

Go Ikaega ka Jehofa go re Solegetse Molemo

Malcolm & Grace Allen ba diretse Jehofa dingwaga di feta 75. Bala kafa ba ithutileng ka gone gore Jehofa o segofatsa ba ba ikaegang ka ene.

Se re Ka Ithutang Sone mo Thapelong e e Baakanyeditsweng Sentle

Re ka ithuta dithuto dife mo thapelong ya Balefi? Re ka dira jang gore dithapelo tsa rona di nne le bokao?

Dira Dilo go Dumalana le Thapelo ya ga Jesu e e Lorato

Fa Jesu a ne a rapela o ne a dira gore thato ya Modimo e tle pele ga dilo tse ene a di batlang. Re ka dira dilo jang go dumalana le thapelo ya gagwe?

A o Ka Dira mo go Oketsegileng go Tlhagisa ba Bangwe?

Ithute kafa bangwe ba ileng ba dirisa tshono nngwe le nngwe ka gone go rera phatlalatsa fa ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.