Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A bo Ditiro Tsa Gago di le Dintsi Jang ne, Jehofa!”

“A bo Ditiro Tsa Gago di le Dintsi Jang ne, Jehofa!”

Bontle Jwa Popo ya ga Jehofa

“A bo Ditiro Tsa Gago di le Dintsi Jang ne, Jehofa!”

LE FA re ka tswa re nna kwa magaeng kgotsa mo toropong, kwa godimo mo dithabeng kgotsa fa thoko ga lewatle, re potologilwe ke popo e ntlentle e e gakgamatsang. Go a tshwanela go bo 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses e na le ditshwantsho tse di farologaneng tsa ditiro tsa ga Jehofa Modimo tse di gakgamatsang.

Batho ba ba nang le kanaanelo ga ba bolo go nna ba kgatlhegela ditiro tsa Modimo. Ka sekai, akanya ka Solomone, yo botlhale jwa gagwe bo neng “bo le bogolo go gaisa botlhale jwa botlhe ba Botlhaba.” Baebele ya re: “O ne a na le go bua ka ditlhare, go simolola ka mosedara o o kwa Lebanona go fitlha ka mosiama o o tlhogang mo loboteng; mme o ne a na le go bua ka diphologolo le ka dibopiwa tse di fofang le ka dilo tse di tsamayang le ka ditlhapi.” (1 Dikgosi 4:30, 33) Gantsi rraagwe Solomone, e bong Kgosi Dafide o ne a tlhatlhanya ka ditiro tsa Modimo tsa botswerere. O ne a tlhotlheletsega go bolelela Modiri wa gagwe mafoko ano: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24. *

Le rona re tshwanetse go ela tlhoko popo le go e ithuta. Ka sekai, re ka nna ra ‘tsholeletsa matlho a rona kwa godimo’ mme ra botsa jaana: “Ke mang yo o bopileng dilo tseno?” Ee, ke Jehofa Modimo, yo eleruri a nang le “maatla a a boitshegang” e bile “a na le nonofo e kgolo”!—Isaia 40:26.

Go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa tsa popo go tshwanetse ga re ama jang? Ka ditsela di ka nna tharo. Go ka re (1) gakolola go anaanela matshelo a rona, (2) ga re tlhotlheletsa go thusa ba bangwe gore ba ithute ka popo, le (3) go re tlhotlheletsa go itse le go anaanela Mmopi ka botlalo.

Botshelo jwa rona batho, jo bo leng botoka thata go gaisa jwa “diphologolo tse di sa akanyeng,” bo dira gore re kgone go ela tlhoko le go anaanela dikgakgamatso tsa popo. (2 Petere 2:12) Matlho a rona a kgona go bona popego e ntle ya naga. Ditsebe tsa rona di kgona go utlwa melodi e e monate ya dinonyane. Gape go bo re kgona go lemoga nako le mafelo go dira gore re nne le dilo tse di itumedisang tse re ka di gakologelwang. Le fa botshelo jwa rona jwa gone jaanong bo na le mathata, re ka bo itumelela!

Batsadi ba ka itumelela go bona tsela e bana ba bone ka tlholego fela ba kgatlhegelang popo ka yone. Bana ba rata thata go tshameka le dintša le go palama ditlhare! Batsadi ba tla rata go thusa bana ba bone gore ba bone kafa popo e amanang ka teng le Mmopi. Tsela e bana ba sisimogang le go tlotla popo ya ga Jehofa ka yone e ka nna tsela e ba ikutlwang ka yone botshelo jotlhe jwa bone.—Pesalema 111:2, 10.

Re tla bo re sa akanyetse dilo kwa teng fa re ka kgatlhegela popo mme re sa leboge Mmopi. Boporofeti jwa ga Isaia bo re thusa go akanya ka seno fa bo re: “A ga o ise o itse kgotsa ga o ise o utlwe? Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, ke Modimo ka bosakhutleng. Ga a lape le fa e le go felelwa ke nonofo. Tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya hukudiwa.”—Isaia 40:28.

Ee, ditiro tsa ga Jehofa di naya bosupi jwa gore o na le botlhale jo bo ka se bapisiweng le bope, o na le maatla a magolo thata, e bile o re rata ka lorato lo logolo thata. Fa re bona bontle jo bo re dikologileng mme re lemoga dinonofo tsa Ene yo o dirileng dilo tsotlhe, e kete re ka tlhotlheletsega go bua jaaka Dafide: “Ga go na ope yo o tshwanang le wena . . . , wena Jehofa, e bile ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le tsa gago.”—Pesalema 86:8.

Re ka tlhomamisega gore batho ba ba kutlo ba tla tswelela ba kgatlhwa thata ke ditiro tsa ga Jehofa tsa popo. Fa re tshela ka bosakhutleng re tla nna re bulegetswe ke sebaka sa go ithuta mo gontsi ka Jehofa. (Moreri 3:11) Mme fa re ntse re ithuta ka Mmopi wa rona, re tla mo rata thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, November/December.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Go Baka Mmopi

Baitsesaense ba ba nang le kanaanelo ba lemoga se Modimo a se dirileng mo popong. Dikai di le mmalwa tsa seno ke tseno:

“Selo sa botlhokwa le se se itumedisang thata mo dilong tsa saense e ke e ithutetseng, ke fa gangwe le gape ke lemoga selo se sesha ke bo ke re, ‘Kante Modimo o se dirile jaana.’ Mokgele wa me ke go tlhaloganya go le gonnye tsela e Modimo a rulagantseng dilo ka yone.”—Henry Schaefer, porofesa wa khemiseteri.

“Malebana le gore ke eng se se dirileng gore Lobopo lo aname lo nne logolo jaana, mmadi o tshwanetse go itirela tshwetso, mme gone re ka se tlhaloganye lebaka leno ka botlalo fa re sa akaretse Ene [Modimo] mo kgannyeng eno.”—Edward Milne, moithutalobopo wa kwa Boritane.

“Re itse gore tlholego e tlhalosiwa ka dipalo tsa maemo a a kwa godimo ka gonne e dirilwe ke Modimo.”—Alexander Polyakov, moithutadipalo wa kwa Russia.

“Fa re ithuta dilo tsa tlholego re sekaseka dikakanyo tsa Mmopi, re tlhaloganya dikgopolo tsa gagwe, re tlhalosa thulaganyo e e leng ya gagwe, e seng ya rona.”—Louis Agassiz, moitsethutotshelo wa Amerika.

[Setshwantsho mo go tsebe 8 9]

Di-“penguin” tsa Gentoo, kwa Antarctic Peninsula

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Grand Teton National Park, kwa Wyoming, U.S.A

[Motswedi wa Setshwantsho]

Jack Hoehn/Index Stock Photography