Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE?

Go Batla Dikarabo

Go Batla Dikarabo

FA E le gore o a gakgamala e bile o a tshoga fa o utlwa dikgang tse dintsi tse di bosula, ga se wena fela. Ka 2014, poresidente wa United States wa nako eo e bong Barack Obama, o ne a re fa go nna go buiwa mo dikgannyeng ka dilo tse di bosula tse di diregang, batho ba le bantsi ba akanya gore “lefatshe le tlhakatlhakane . . . thata mo e leng gore ga go na sepe se se ka dirwang.”

Morago ga moo, o ne a bua a sa belaela ka dilo dingwe tse di ka dirwang go rarabolola mathata a lefatshe. O ne a re o rata dilo dingwe tse puso e batlang go di dira a bo a tlhalosa gore o na le tsholofelo e kgolo. Tota o ne a re matsapa a batho ba ba siameng ba a tsayang a ka dira gore lefatshe le nne botoka le gore le se ka la senyega.

Batho ba le bantsi ba dumalana le ene. Ka sekai, batho bangwe ba ikantse saense, ba dumela gore kgatelopele e e dirwang ke thekenoloji e tla baakanya lefatshe. Moitse mongwe wa thekenoloji a re o tlhomamisegile gore ka 2030 “thekenoloji ya rona e tla bo e gatetse pele thata mme ka 2045 e tla bo e le maatla go menagane gantsi.” O ne a oketsa ka go re: “Re dira bontle tota. Le fa re lebana le mathata a le mantsi re kgona go a baakanya ka bonako.”

Tota maemo a lefatshe a maswe go le kae? A re gaufi thata le tshenyego e kgolo ya lefatshe? Le fa baitsesaense bangwe le baitse ba dipolotiki ba nna ba bua gore maemo a tla fetoga, batho ba le bantsi ba sa ntse ba sa tlhomamisega ka gore bokamoso bo ba tshwaretse eng. Goreng?

DIBETSA TSE DI KA BAKANG TSHENYO E KGOLO. Le fa gone lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le mekgatlho e mengwe e lekile go fedisa dibetsa tsa nuklea, e ile ya itaya sefololetse. Mo godimo ga moo, baeteledipele ba ba tlhogoethata ba nyatsa melao ya dibetsa. Dinaga tse go itseweng di na le dibetsa tsa nuklea di nna di tlhabolola dibomo tsa tsone le go dira tse dingwe tse di kotsi go gaisa. Dinaga tse di neng di se na dibetsa tse di ka bolayang batho ba le bantsi, gone jaanong di na le tsone.

Kgang ya gore dinaga di ipaakanyeditse ntwa ya nuklea e dira gore lefatshe e nne lefelo le go leng kotsi go tshela mo go lone le ka dinako tsa “kagiso.” Makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists wa re: “Diroboto tse di kgonang go bolaya batho di sa laolwe kgotsa di sa kaelwe ke ope di ka tlhobaetsa batho.”

BOTSOGO JWA RONA BO MO KOTSING. Saense ga e kgone go re thusa ka botlalo gore re nne le botsogo jo bo siameng. Malwetse a a kotsi a nna a oketsega a a jaaka haebolate, boima jo bo feteletseng jwa mmele, go kgotlelega ga moya le go dirisa diritibatsi ka tsela e e sa siamang. Batho ba le bantsi ba bolawa ke malwetse a leroborobo a a sa tshelanweng a a jaaka kankere, malwetse a pelo le bolwetse jwa sukiri. Batho ba le bantsi ba golafadiwa ke malwetse mangwe go akaretsa le bolwetse jwa tlhaloganyo. Mme bosheng jaana go nnile le malwetse a a kotsi a go sa itseweng gore a bakwa ke eng a a jaaka bolwetse jwa Ebola le bolwetse jwa Zika (baerase ya mentsane). Bothata ke gore malwetse ga a laolege e bile go lebega a ka se kgone go fedisiwa!

BATHO BA SENYA TLHAGO. Difeme tsa madirelo di nna di kgotlela loapi. Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba bolawa ke go hema moya o o kgotletsweng.

Batho le mekgatlho ya puso ba nna ba tshololela leswe, dilo tse di dirisitsweng kwa maokelong le tsa temothuo, dipolasetiki le dilo tse dingwe mo lewatleng. Buka ya Encyclopedia of Marine Science ya re: “Dilo tseno di kotsi thata mo diphologolong, mo dimeleng tsa lewatle le mo bathong ba ba jang dilo tsa mo lewatleng.”

Gape re felelwa ke metsi a a phepa. Mokwadi wa saense wa kwa Boritane e bong Robin McKie o tlhagisa jaana: “Go na le bothata jo bogolo jwa metsi mme bo tla ama lefatshe lotlhe.” Baitsedipolotiki ba dumela gore bothata jwa go felelwa ke metsi bo bakilwe ke batho mme seno ke tlhobaboroko.

MASETLAPELO A TLHOLEGO. Ditsuatsue, dikgwanyape, ditsokotsane le dithoromo tsa lefatshe di dira gore go nne le merwalela, go gosomana ga mmu le ditshenyo tse dingwe tse dikgolo. Batho ba le bantsi ba bolawa kgotsa ba amiwa ke masetlapelo ano a tlholego. Patlisiso e e dirilweng ke mokgatlho wa U.S. National Aeronautics and Space Administration ya re go na le kgonagalo e kgolo ya gore go nne le “dikgwanyape tse dingwe tse di maatla, mogote o o feteletseng, merwalela le komelelo e e maatla.” A tlholego e tla fedisa batho?

Gongwe o akanya ka dilo tse dingwe tse di kotsi tse di ka re bolayang. Mme gone, ga o kitla o bona dikarabo tse di kgotsofatsang ka bokamoso jwa rona fa o nna o akantse ka dilo tse di bosula tse di diregang gompieno. Bangwe ba ka tswa ba akanya gore go reetsa se baitsedipolotiki le baitsesaense ba se buang, go ka se thuse. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, batho ba le bantsi ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang ka maemo a lefatshe le bokamoso. Dikarabo tseo di bonwa kae?