Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Ditsala le Batho ba ba Farologaneng

Dira Ditsala le Batho ba ba Farologaneng

Go Senyegile Kae?

Fa re sa batle go itsalanya le batho ba dinaga tse di farologaneng kgotsa ba ditso tse di farologaneng, seno se ka dira gore re ba tlhaole. Fa re itsalanya fela le batho ba naga ya rona le ba morafe wa rona, seno se ka dira gore re akanye gore tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone ke yone fela e siameng.

Molaomotheo wa Baebele

“Pitlologang.”—2 BAKORINTHA 6:13.

Lekwalo leno le re ruta eng? Pelo ya rona ke yone e laolang tsela e re ikutlwang ka yone. Fa re itsalanya fela le batho ba ba goletseng mo nageng ya rona kgotsa ba ba buang puo ya rona, seno se ka feleletsa se dira gore re tlhoe batho ba bangwe. Gore re se ka ra akanya jalo, re tshwanetse go nna ditsala le batho ba dinaga tse dingwe, ditso tse dingwe kgotsa ba ba buang dipuo tse dingwe.

Go Dira Ditsala le Batho ba ba Farologaneng Go ka Re Thusa Jang?

Fa re simolola go itse batho ba bangwe sentle, re kgona go lemoga gore goreng ba dira dilo ka tsela e rona re sa di direng ka yone. Fa re ntse re itse batho bano botoka, re tla simolola go lemoga gore ga ba farologane le rona mme re tla ba rata le go ba utlwela botlhoko.

Ela tlhoko sekai seno sa ga Nazaré. A re o ne a sa rate batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. A re: “Ke ile ka thusiwa ke go tlotla le batho ba ke neng ke bereka le bone mme ke ne ka lemoga gore dilo tse di neng di buiwa ka bone ke maaka. Fa o simolola go tsalana le batho ba dinaga tse dingwe le ba ditso tse dingwe, o tla kgona go lemoga gore le bone ke batho fela jaaka wena e bile o tla ba rata le go ba tsaya ba le botlhokwa.”

Se o Ka se Dirang

Bua le batho ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng kgotsa ba ba buang puo e e farologaneng le e o e buang. Gongwe o ka nna wa dira dilo tse di latelang:

  • Ba kope gore ba go bolelele sengwe ka bone.

  • Ba laletse gore lo ye go ja mmogo.

  • Ba reetse ka kelotlhoko fa ba ntse ba go bolelela dilo dingwe ka bone.

Fa o ntse o tlotla le bone, o tla lemoga gore goreng ba dira dilo ka tsela e farologaneng le e wena o dirang dilo ka yone mme ga o kitla o leba batho ba naga eo kgotsa ba setso seo ka tsela e o neng o ba leba ka yone pele.