Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Sinagoge ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga: Setshwantsho seno se na le dilo dingwe tse di leng mo sinagogeng ya lekgolo la ntlha la dingwaga e e kwa Gamla, e e bokgakala jwa dikilomitara di le lesome go tswa kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle la Galalea. Se re thusa go bona gore sinagoge ya bogologolo e ka tswa e ne e ntse jang

Sinagoge e simologile kae?

LEFOKO “sinagoge” le tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “kopano” kgotsa “go kopana mmogo.” Leina leno le a tshwanela ka gonne Bajuda ga ba bolo go nna ba kopana mmogo kwa disinagogeng go ya go ithuta le go obamela. Dikwalo Tsa Sehebera ga di bue sepe ka disinagoge, mme gone Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tsone, di re thusa go lemoga gore disinagoge di ne di setse di le teng ka lekgolo la ntlha la dingwaga.

Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba dumela gore disinagoge di simologile ka nako ya fa Bajuda e ne e le batshwarwa kwa Babelona. Encyclopaedia Judaica ya re: “E re ka Bajuda e ne e le batshwarwa kwa nageng e ba sa e itseng e bile ba le kgakala le Tempele, ba ne ba kgobegile marapo e bile ba tlhoka go kgothadiwa. Ka jalo, ba ne ba kopana nako le nako gongwe ka Sabata ba bo ba bala Dikwalo.” Fa ba sena go gololwa kwa botshwarwa, go bonala ba ne ba nna ba kopana mmogo go rapela le go bala Dikwalo e bile ba ne ba aga disinagoge gongwe le gongwe kwa ba neng ba fudugela gone.

Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ba neng ba nna kwa Mediterranean, kwa Botlhabagare le kwa Iseraele ba ne ba dirisa disinagoge fa ba dira dilo tse di farologaneng. Porofesa mongwe wa Yunibesithi ya Sehebera ya Jerusalema e bong Lee Levine a re: “[Disinagoge] di ne di dirisediwa go ithuta, go ja dijo tsa Sabata kgotsa dijo tsa meletlo mengwe ya Bajuda. Go ne go sekwa, go ntshiwa meneelo e bile go tshwarwa dipokano tsa dipolotiki le dipokano tsa setšhaba kwa go tsone. Mme gone, thatathata di ne di dirisediwa ditiro tsa kobamelo.” Ka jalo, go a utlwala go bo Jesu a ne a tlwaetse go ya kwa disinagogeng. (Mar. 1:21; 6:2; Luke 4:16) Fa a le kwa sinagogeng, o ne a ruta batho, a ba kaela e bile a ba kgothatsa. Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, moaposetoloi Paulo le ene o ne a rera kwa disinagogeng. Batho ba ba ratang Modimo ba ne ba rata go ya kwa disinagogeng. Ka jalo, fa Paulo a tsena mo motseng, o ne a simolola ka go rera kwa sinagogeng.—Dit. 17:1, 2; 18:4.