Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | DITSELA TSA GO ITUMELELA GO BALA BAEBELE

Nka Simolola Jang?

Nka Simolola Jang?

Ke mekgwa efe e e ka go thusang go itumelela go bala Baebele le go dira gore e go solegele molemo? Ela tlhoko dikakantsho di le tlhano tse di ileng tsa thusa batho ba le bantsi.

Tlhopha lefelo le le siameng. Leka go batla lefelo le go se nang modumo mo go lone. Leka go dira gore go se ka ga nna le dilo tse di go itayang tsebe gore o kgone go tlhoma mogopolo mo go se o se balang. Lefelo le le nang le lesedi le le lekaneng le moya o o phepa le ka go thusa gore o solegelwe molemo fa o bala.

Baakanya mogopolo. E re ka Baebele e tswa kwa go Rraarona yo o kwa legodimong, o ka solegelwa molemo thata fa o nna le mogopolo o o tshwanang le wa ngwana yo o ipaakanyeditseng go ithuta mo motsading wa gagwe yo a mo ratang thata. Fa e le gore ga o bolo go nna le dikgopolo tse di phoso ka Baebele, leka go di beela kwa thoko gore Modimo a kgone go go ruta.—Pesalema 25:4.

Pele o bala, rapela. Baebele e na le dikgopolo tsa Modimo, ka jalo, re tlhoka thuso ya gagwe fa re batla go e tlhaloganya. Modimo o solofetsa gore o tla naya “moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Moya o o boitshepo o ka go thusa go tlhaloganya tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. Fa nako e ntse e ya, moya oo o tla dira gore o tlhaloganye “le dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:10.

Bala gore o tlhaloganye. Se bale fela ka gonne o batla go fetsa. Akanya ka se o se balang. Ipotse jaana: ‘Ke eng se ke se lemogang ka botho jwa motho yo ke balang ka ene? Nka dirisa tshedimosetso eno jang?’

Bala ka boikaelelo jwa go ithuta sengwe. Fa o batla gore se o se balang mo Baebeleng se go solegele molemo, boikaelelo jwa gago fa o bala, e tshwanetse ya nna go batla go ithuta sengwe se o ka se dirisang mo botshelong. O ka bala ka boikaelelo jwa go ithuta go le gontsi ka Modimo, go nna motho yo o botoka kgotsa molekane wa lenyalo yo o botoka. Go tswa foo, tlhopha buka ya Baebele e e tla go thusang go dira jalo. *

Dikakantsho tseno tse tlhano di tla go thusa go simolola go bala Baebele. Mme o ka dira jang gore o itumelele go bala Baebele le go feta? Setlhogo se se latelang se na le dikakantsho dingwe tse di ka go thusang.

^ ser. 8 Fa o sa itse gore o ka dira seo jang, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.