Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A DI TLHAMILWE?

Dijalo Tse di Itseng Dipalo

Dijalo Tse di Itseng Dipalo

DIJALO di dirisa thulaganyo e e raraaneng e e bidiwang photosynthesis go monya maatla a letsatsi gore di dire dijo. Dipatlisiso tse di dirilweng ka mefuta mengwe ya dijalo di bontsha gore di kgona go dira sengwe gape se se kgatlhang—di kgona go bala selekanyo se di tshwanetseng go monya dijo ka sone bosigo.

Akanya ka seno: Motshegare dijalo di fetola khabonetaeokosaete go nna setatšhe le sukiri. Bosigo ditshedi di le dintsi di ja setatšhe se se bolokilweng ke dijalo motshegare, gore di se ka tsa tshwarwa ke tlala, go thusa dijalo go dira dijo tse dingwe le gore di gole sentle. Mo godimo ga moo, di kgona go dirisa setatšhe se di se bolokileng ka selekanyo se se rileng—e seng ka bonako thata kgotsa ka bonya thata—gore di kgone go dirisa diperesente di le 95 tsa sone go dira se se oketsegileng fa letsatsi le tlhaba.

Dipatlisiso tseno di dirilwe mo sejalong sa mosedara se se bidiwang Arabidopsis thaliana. Babatlisisi ba lemogile gore sejalo seno se kgaoganya dijo tse di tla se bolokang ka kelotlhoko, go ikaegile ka gore bosigo bo boleele go le kae, e ka ne go setse diura di le 8, 12 kgotsa 16 pele letsatsi le tlhaba. Go bonala sejalo seno se kgaoganya setatšhe go ya ka nako e e setseng pele letsatsi le tlhaba, le gore se tla se dirisa jang.

Dijalo di kgona jang go boloka setatšhe se se lekaneng? Di kgona jang go bala nako? Mme ke eng se se di thusang go dira dipalo? Go dira dipatlisiso tse di oketsegileng go ka araba dipotso tseno.

O akanyang? A dijalo tse di itseng dipalo di itlhagetse ka botsone fela? Kgotsa a di tlhamilwe?