Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefelo le le tumileng thata mo Letsheng la Nicaragua ke Setlhaketlhake sa Ometepe, se se nang le bojang jo bontsi le makgwamolelo a mabedi a a kopantsweng ke naga e nnye

BATHO LE DINAGA

Go Etela Nicaragua

Go Etela Nicaragua

GANTSI batho ba bitsa Nicaragua ba re ke lefatshe la matsha le la makgwamolelo. Naga eno e ikgantsha ka letsha le legolo le le mo Bogare jwa Amerika—Letsha la Nicaragua. Merafe e e nnang kwa nageng eo e ne e le bitsa Cocibolca, mo go rayang “Lewatle le le Botshe.” Letsha leno le na le ditlhaketlhake di le dintsi e bile ke lone fela le le nang le metsi a a phepa le ditshedi tsa lewatle tse di jaaka dishaka, di-swordfish le di-tarpon.

Sethunya sa kwa Nicaragua se bidiwa sacuanjoche (frangipani)

Gape Nicaragua e na le kgaolo e e kwa thoko go di gaisa tsotlhe mo Bogareng jwa Amerika—Lotshitshi lwa Mosquito. Lo boleele jwa dikilometara di le 65 go tswa kwa matshitshing a a kwa botlhaba go ya go fitlha kwa Honduras. Ba-Miskito (tsela e nngwe gape ya go kwala Mosquito) ke bangwe ba ditlhopha di le mmalwa tsa batho ba kwa Nicaragua ba ba sa bolong go nna gone pele Ba-Yuropa ba goroga koo ka dingwaga tsa bo1600.

Ba-Miskito ke batho ba ba utlwanang thata e bile ba na le meetlo e e tlhomologileng. Ka sekai, puo ya Miskito ga e na mafoko a a jaaka “Rre” kgotsa “Mmè.” Kwa metseselegaeng, bana ba bitsa batho ba bagolo mo go bone ba re “Malome” kgotsa “Rakgadi,” e ka ne e le wa losika kgotsa e se wa losika. Moetlo wa bogologolo wa Ba-Miskito ke gore mosadi a dumedise ditsala le ba masika ka go amana ka marama. Go tswa foo, mosadi yo o simolotseng go dumedisa o baya nko ya gagwe mo go ya motho yo a mo dumedisang.

Batho ba koo

Kgatiso ya Baebele e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka Se-Mayangna le Se-Miskito