Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A DI TLHAMILWE?

Mafuka a a Tsholetsegang a Dinonyane

Mafuka a a Tsholetsegang a Dinonyane

FA SEFOFANE sa Jet se fofa, se dira gore go nne le moya o o dikologang mo dintlheng tsa diphuka tsa sone. Moya oo o dira gore se dirise lookwane lo lontsi. Gape o ka roba difofane tse di fofelang gaufi le sone. Seno se tlhoka gore difofane tse dingwe di se ka tsa fofisiwa ka nako e le nngwe le sone.

Baenjenere ba difofane ba ne ba ribolola sengwe se se neng se tla fokotsa mathata ano. E ne e le eng? Dintlha tsa diphuka tse di obegang tsa dinonyane tse di fofelang kwa godimo tse di jaaka, digodi, bontsu le megolori.

Akanya ka seno: Fa dinonyane tseno tse dikgolo di fofa, dintlha tsa diphuka tsa tsone di obegela kwa godimo di bo di tlhamalala. Seno se dira gore di fofele kwa godimo thata di sa we. Baenjenere ba tlhamile diphuka tsa difofane tse di bopegileng jaaka tsa dinonyane tseno. Mo ditekong tsa bone, ba ne ba lemoga gore fa dintlha tsa diphuka di obegetse kwa godimo e bile di lebile kwa ntlheng ya moya, di dira gore difofane di fofele kwa godimo thata ka diperesente di le 10. Seo se bakwa ke eng? Dintlha tseo di fokotsa moya o o dikologang mo diphukeng tsa tsone. Mo godimo ga moo, buka nngwe ya tshedimosetso ya Encyclopedia of Flight ya re diphuka tseo di dira gore “moya oo o se ka wa gogela sefofane kwa tlase.”

Dintlha tseno tse di obegetseng kwa godimo di dira gore difofane di fofele kwa godimo, di pege merwalo e mentsi, di nne le diphuka tse di khutshwane—gape di dira gore go nne le mafelo a a lekaneng a go phaka difofane—e bile di boloka lookwane. Ka sekai, mokgatlho wa NASA o bega gore ka 2010 go “bolokilwe dilitara di ka nna dimilione di le 7 600 tsa lookwane lwa difofane tsa jet mo lefatsheng lotlhe” e bile seo se fokoditse kgotlhelo ya moya e e bakwang ke difofane.

O akanyang? A dinonyane tsa diphuka tse di obegileng tse di fofelang kwa godimo di nnile gone ka botsone fela? Kgotsa a di tlhamilwe?