Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A LE TLHAMILWE?

Lekhaha la Dinotshe

Lekhaha la Dinotshe

DINOTSHE (Apis mellifera) di aga lekhaha ka bonota jo bo tswang mo dikgelesweng tse di ka fa tlase ga mala a tsone. Lekhaha la dinotshe le tsewa e le selo se se gakgamatsang sa boenjenere. Goreng?

Ela tlhoko: Ka makgolo a dingwaga, baitsedipalo ba ne ba lemoga gore popego ya khutlothataro e botoka thata fa e bapisiwa le popego ya khutlotharo kgotsa ya khutlonnè—kgotsa epe fela e nngwe—fa ba batla go nna le lefelo le le oketsegileng mme ba dirisa didirisiwa di le mmalwa tsa go aga. Mme ba ne ba sa kgone go tlhalosa lebaka la seo ka botlalo. Ka 1999, Porofesa Thomas C. Hales o ne a ntsha bosupi jwa melemo ya se a reng ke tumelo ya gore popego ya khutlothataro e botoka go feta tse dingwe. O ne a re popego eno e thusa go kgaoganya lefelo ka tsela e e lekanang mme go sa tlhokege dilo tse dintsi.

Fa dinotshe di dirisa popego eno, di dirisa lefelo le lennye, di dira mamepe a a motlhofo le a a sa senyegeng ka bonako ka bonota jo bonnye e bile di a boloka mo lefelong leno fela. Ga go gakgamatse go bo mamepe a tlhalosiwa e le “tiro ya baagi.”

Gompieno, baitsesaense ba etsa popego ya lekhaha la dinotshe go dira dikago tse di sa senyegeng ka bonako le tse di sa tlhokeng lefelo le legolo. Ka sekai, baenjenere ba difofane ba dirisa didirisiwa tse di bopegileng jaaka lekhaha la dinotshe fa ba dira difofane tse di thata le tse di motlhofo e bile di sa dirise leokwane le lentsi.

O akanyang? A tsela e e kgatlhang e lekhaha la dinotshe le bopegileng ka yone e itiragaletse fela ka boyone? Kgotsa a e tlhamilwe?