Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A LE TLHAMILWE?

Letlalo la Noga

Letlalo la Noga

E RE ka dinoga di tsamaya ka go gopa ka mpa, di tlhoka letlalo le le nonofileng thata le le ka kgonang go emelana le go gotlhega ka metlha. Mefuta mengwe e palama dikutu tse di magwata tsa ditlhare mme e mengwe e epa mesima mo motlhabeng o o gotlhang. Ke eng se se dirang gore letlalo la noga le kgone go itshokela maemo ano?

Ela tlhoko: Matlalo a dinoga a farologana go ya ka mefuta ya tsone, ga a thata ka tsela e e tshwanang e bile ga a dirwa ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, matlalo a dinoga tsotlhe a tshwana ka selo se le sengwe: A nonofile ka fa ntle mme a boleta go ela ka fa teng. Ke ka ntlha yang fa seno se le mosola? Mmatlisisi mongwe e bong Marie-Christin Klein a re: “Fa selo se le thata kwa ntle mme se le boleta ka fa gare seo se dira gore se kgone go tsamaya motlhofo.” Tsela e e tlhomologileng e letlalo la noga le dirilweng ka yone e dira gore noga e kgone go suta fa e tsamaya fa fatshe mme gape e dira gore maje a a metsu a se ka a kokonela letlalo mme a le senya. Go botlhokwa gore letlalo le nne thata ka gonne gantsi dinoga di apola letlalo fela morago ga dikgwedi tse pedi kgotsa tse tharo.

Dilo tse di dirilweng jaaka letlalo la noga di ka dirisiwa sentle mo go tsa kalafi—ka sekai, fa go dirwa dikarolo dingwe tse di tsenngwang mo mmeleng tse di sa releleng e bile di ka se onale motlhofo. Gape metšhine e e dirisang mabante a a tsamaisang dilo a a dirilweng ka tsela e letlalo la noga le dirilweng ka yone, a ka se tlhoke mafura a mantsi a a kgotlelang tikologo.

O akanyang? A letlalo la noga le nnile gone ka bolone fela? A kgotsa le tlhamilwe?