Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Iseraele

Haaretz.com e bega gore bana “ba ba tshotsweng ba na le bogole bongwe jo bo ka bong bo lemogilwe ba sa ntse ba imilwe” ba ka se tlhole ba kgona go isa ba tsa kalafi kwa kgotlatshekelong gore ba ba duele “ka gonne ba letleletse gore ba tsholwe ba na le bogole.” Mme batsadi bone ba sa ntse ba ka kgona go isa ba tsa kalafi kwa kgotlatshekelong ka gonne “ba letlile gore ba tshole ngwana yo o nang le bogole” e le gore ba newe madi a go duelela “ditshenyegelo tsa go godisa ngwana yo o nang le bogole le go mo tlhokomela botshelo jotlhe jwa gagwe.”

Australia

Kwa Australia, baratani ba le 8 mo go ba le 10 ba nna mmogo pele ga lenyalo.

Gerika

Dipalopalo tse di ntshitsweng ke Lefapha la Botsogo la Kwa Gerika di bontshitse gore batho ba ba ipolayang kwa Gerika ba oketsegile ka diperesente di le 40 mo dikgweding tsa ntlha tse tlhano tsa 2011, fa go bapisiwa le dikgwedi tseo ka 2010. Palo eo e oketsegile ka nako ya fa go ne go simologa mathata a ikonomi ka 2011.

United States

Go ya ka Natural Resources Defense Council, go senngwa mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa dijo mo nageng eno yotlhe. Ka sekai, go fopholediwa gore diperesente di le 7 tsa dijo tse di lemiwang ga di robiwe, diperesente di le 17 tsa dijo tse di tsholwang kwa diresetšhurenteng le kwa dikhefing di latlhiwa di sa jewa le gore malapa a latlha diperesente di ka nna 25 tsa dijo tse a di rekang.

Madagascar

Bosheng jaana kwa Madagascar go ne ga bonwa lelobu le lennye go a gaisa otlhe mo lefatsheng. Dingwe tsa ditshedinyana tseno tse dithokwa di gola go fitlha go dimilimetara di le 29 e bile di ka kgona go nna mo lenaleng la motho. E re ka tikologo e le kgonang go tshela sentle mo go lone e le mo kotsing ya go senngwa, setshedi seno se ka tswa se le mo kotsing ya go nyelela.