Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgomo ya Boboa jo bo Tlhatlaganeng

Kgomo ya Boboa jo bo Tlhatlaganeng

KGOMO ya kwa dithabeng tsa kwa Scotland e bonala motlhofo ka dinaka tse ditelele tse di makoro, moriri o moleele o o lepelelang mo godimo ga matlho le maodi a a kitlaneng a a apesitseng mmele wa yone o mogolo.

Dikgomo tseno tse di maatla tsa kwa dithabeng—mongwe wa mefuta ya dikgomo tse e leng kgale di itsewe—ga di bolo go tshela sentle ka makgolokgolo a dingwaga mo dithabeng le mo ditlhaketlhakeng tsa Scotland tse di nang le maemo a a maswe a bosa. Kwa tshimologong, dikgomo tse di neng di fula kwa mafelong a a kwa kgakala a a dithaba di ne di le dikgolwane e bile di le dikhunou, mme tse di neng di le mo ditlhaketlhakeng tse di gaufi le lotshitshi lo lo kwa bophirima di ne di se dikgolo e bile gantsi di le dintsho. Mme gompieno batho ba tsaya gore dikgomo tsa kwa dithabeng ke mofuta o le mongwe, mme go na le tsa mebala e e farologaneng jaaka tse dikhunou, tse dintsho, tse dithokwa, tse ditshetlha le tse di batlileng di nna ditshweu.

Moritshana o o kgatlhang o o fitlhang mo phatleng ya kgomo eno ya kwa dithabeng o na le seabe sa botlhokwa. Fa go le mariga o e sireletsa mo diphefong tse di maatla, mo dipuleng le mo kapokong. Fa go le selemo o e sireletsa mo ditshenekeging tse di fofang tse di ka dirang gore e tshwaediwe ke megare.

Bogologolo fa go nna bosigo barui ba ne ba tlisa dikgomo tsa bone mo masakeng a a dirilweng ka maje. Seno se ne se dirwa go di sireletsa mo maemong a a maswe a loapi le mo diphiring.

Boboa Jwa Yone jo bo Tlhomologileng jo bo Tlhatlaganeng

Kgomo eno ya kwa dithabeng ga e tshwane le tse dingwe ka gonne e na le boboa jo bo tlhatlaganeng. Boboa jwa yone jo bo kafa ntle jo boleele, bo na le meriri e meleele e ka dinako dingwe e fitlhang go disentimetara di le 33. Boboa jono jo bo mafura bo thibela pula le kapoko. Boboa  jo bo boleta jo bo kafa tlase ga joo bo dira gore phologolo eno e nne e thuthafetse.

Jim, yo o sa bolong go bereka ka dikgomo tsa kwa dithabeng ka dingwaga di le dintsi o ne a tlhalosa jaana: “Go di tlhapisa ka metsi a sesepa ga go motlhofo ka gonne go thata go dira gore di kolobe go fitlha kwa teng!” Ka ntlha ya boboa jwa yone, kgomo eno ya kwa dithabeng e tshela sentle e bile e kgona go tsala mo tikologong e e dithaba e go nang le pula le diphefo tse di tsididi mo go yone, e mofuta ope fela o mongwe wa dikgomo o ka se kgoneng go tshela kwa go yone.

Fa go fisa thata ka selemo e bile go omile, boboa jo bo bokete jwa ka fa ntle jwa kgomo eno e e fetofetogang le maemo bo a wa. Moragonyana fa go nna tsididi e bile go nna bongola, e tlhoga boboa jo bongwe gape.

Leruo la Botlhokwa

Gantsi dinku di senya dimela ka go ja medi ya tsone le matlhogela a manana, mme dikgomo tsone—go akaretsa le kgomo eno ya kwa dithabeng—ga di dire jalo. E bile tota kgomo ya kwa dithabeng e tokafatsa mafulo a a seng mantle. Jang? E dirisa dinaka tsa yone tse dileele tse di nonofileng le molomo wa yone o mogolo go tlosa ditlhatshana tse di sa rategeng e bile di sa jewe ke bontsi jwa mefuta e mengwe ya dikgomo. Go phepafatsa ka tsela eno go dira gore tlhaga le ditlhare di tlhoge sesha.

Boboa jo bo tlhatlaganeng jwa kgomo eno ya kwa dithabeng bo na le mosola o mongwe gape o mogolo. E re ka kgomo ya kwa dithabeng e sa tlhoke go nna le mafura a mantsi gore e nne e thuthafetse, nama ya yone ga e na mafura a mantsi le kholeseterole mme e na le poroteine le aene e ntsi go feta nama ya dikgomo tse dingwe. Mme kgomo eno e na le nama ya boleng jo bo kwa godimo le fa e sa fiwe dijo tse di jang madi a mantsi!

Ntlha e e Tlhokang go Elwa Tlhoko

Dikgomo tseno tsa kwa dithabeng ga di bolo go tshela le batho. Batho ba bogologolo ba kwa Scotland ba ne ba dira gore di nne mo boalong jo bo kwa tlase jwa matlo a bone. Fa di le foo di ne di thusa go thuthafatsa boalo jo bo kwa godimo jo lelapa le neng le nna mo go jone.

Le fa gantsi dikgomo tse di ruilweng mo gae di ritibetse e bile di le bokgwabo, ka dinako tse dingwe dikgomo dingwe tsa kwa dithabeng di ka nna kotsi. Ka sekai, kgomo e namagadi e ka nna bogale thata fa e sireletsa namanyane ya yone. Gape motho o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a kekologe motlhape wa dikgomo tsa kwa dithabeng go na le go o ralala.

E re ka dikgomo tsa kwa dithabeng di kgona go gola sentle mo maemong a a farologaneng, seo se dirile gore e nne mofuta wa dikgomo tse di ratiwang thata mo lefatsheng lotlhe. Di gola sentle kwa bokone le e leng go fitlha kwa Alaska le Scandinavia mme di ka fula mo e ka nnang kwa bogodimong jwa dimetara di le 3 000 kwa Dithabeng tsa Andes. Mme gape di tshela sentle mo mafelong a a bothitho.

Naga ya Scotland e itsege ka letsela la koo la wulu le le kgabisitsweng (tartan), dikete tsa koo tsa memeno e mentsi (kilt) le diletswa tsa mmino tse di budulelwang (bagpipe) mme gape e itsege ka dikgomo tsa yone tse dintle tse di tlhomologileng tsa kwa dithabeng. A go na le dikgomo tse di nang le boboa jo bo tlhatlaganeng kwa o nnang gone?