Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Flagellum ya Baketeria

Flagellum ya Baketeria

A e Ne e Tlhamilwe?

Flagellum ya Baketeria

● Le fa e ka lebiwa ka fa tlase ga maekorosekopo o o bogale, e bonala e le nnye thata e bile e se botlhokwa. E ile ya tshwantshiwa le enjene e e maatla e e mo sekepeng. Flagellum ya baketeria ke eng?

Go na le mefuta e e farologaneng ya di-flagellum mme go ka direga gore flagellum ya baketeria (“whip” ka Selatine) ke yone e go ithutilweng thata ka yone. E re ka e itshegeditse ka karolo e e ka fa ntle ga sele ya baketeria, flagellum e nna e dikologa mme seno se dira gore ditshedinyana tse dinnyennye di kgone go tsamaya, go ema, go sutela kwa morago le go fetola tsela e di ntseng di tsamaya ka yone. Go fopholediwa gore halofo ya dibaketeria tse di itsegeng di na le mefuta e e farologaneng ya di-flagellum.

DNA e e mo teng ga baketeria e na le thulaganyo e e dirang gore flagellum e kgone go suta. Thulaganyo yotlhe e na le diporoteine tse di ka nnang 40, tse di ka tshwantshiwang le dikarolo tse di farologaneng tsa enjene. Selo se se gakgamatsang ke gore, flagellum ya baketeria e kgona go ikopanya ka metsotso e le 20 fela!

Kgatiso ya The Evolution Controversy e bolela jaana: “Flagellum ya baketeria e na le enjene e e dikologang ka lobelo lwa medikologo e e ka nnang 6 000 go ya go e le 17 000 ka motsotso. Se se gakgamatsang le go feta ke gore, e ka kgona go retologela ntlheng e nngwe bobotlana ka nako e e ka nnang kwatara ya nako ya modikologo o le mongwe mme ka bonako fela e bo e retologela kwa ntlheng e sele ka lobelo lwa medikologo e le 17 000 ka motsotso.” Makasine wa New Scientist o bitsa flagellum ya baketeria o re ke “sekai se se tlhomologileng sa thulaganyo e e raraaneng ya dimolekhule—motšhinenyana o o raraaneng thata go feta botswerere bope fela jwa moenjenere wa motho.”

Baitsesaense ba tlhakanngwa tlhogo ke gore flagellum ya baketeria eo e nnye e ikopanya ka boyone ka tatelano e nepileng le e e tlhokegang go kopanya dikarolo tsotlhe di le 40 mmogo, go ya ka thulaganyo ya yone mme e bo e bereka sentle.

O akanya eng? A flagellum ya baketeria e nnile gone ka boyone fela, kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Sedikolosi

Bushing

Universal joint

Lefetlho

Di-flagellum

[Setshwantsho]

Setshwantsho se se godisitsweng sa baketeria

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Bacterium inset: © Scientifica/Visuals Unlimited, Inc.; flagellum diagram: Art source courtesy of www.arn.org