Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokgwa o o Botswerere wa go Thuma wa Tlhapi ya Salmon

Mokgwa o o Botswerere wa go Thuma wa Tlhapi ya Salmon

A o Ne o Tlhamilwe

Mokgwa o o Botswerere wa go Thuma wa Tlhapi ya Salmon

● Gore ditlhapi tsa salmon di kgone go beela mae, bontsi jwa tsone di thuma di ya kwa metsi a a sa iketlang a tswang teng. Di kgona jang go itshokela loeto lo lo lapisang jaana di sa lape? Go na le gore di fekeediwe ke metsi a a bilogang, ditlhapi tseno di dirisa metsi ao ka tsela e e di solegelang molemo. Di dira seno jang?

Ela tlhoko: Ditlhapi tsa salmon ga di lwe le metsi a a bilogang. Go na le moo, fa di thuma di lebane le metsi a a elelang, di boloka maatla a tsone ka go dirisa di-vortice kgotsa didikonyana, tse di bopegang fa metsi a itaagana le maje, dikalana kgotsa dilo tse dingwe. Fa didikonyana tseno di ntse di bopega go dikologa selo se se itewang ke metsi, ditlhapi tseno di tla tsoketsa mebele ya tsone go tswa mo matlhakoreng otlhe mme di bo di lelesela mo gare ga metsi ano a a bilogang. (Bona setshwantsho.) Ditlhopha dingwe tsa ditlhapi di dirisa didikonyana tse di dirilweng ke ditlhapi tse di thumang kwa pele ga tsone mme di kgona go thuma motlhofo mo metsing ao. Mme e bile ditlhapi tseno di ka kgona go dirisa didikonyana tse di dirilweng ke mebele ya tsone ka tsela e e di solegelang molemo!

Babatlisisi ba solofela gore ba ka ithuta sengwe go tswa mo mokgweng o o botswerere o tlhapi eno e thumang ka one go fetlha motlakase mo metsing a a elelang ka bonya. Gantsi didirisiwa tse di tlwaelegileng tse di fetlhang motlakase go tswa mo metsing, di fetlha motlakase mo metsing a a elelang ka lobelo lwa dikilometara di le 9,3 ka ura kgotsa go feta. Jaanong metšhini ya segompieno e e roromisang e e kgonang go dira gore go nne le didikonyana e kgona go fetlha motlakase go tswa mo metsing a a elelang ka lobelo lwa dikilometara di le tharo ka ura. * Le fa go ntse jalo, botegeniki bo sa ntse bo le kgakala thata le gore bo fitlhelele bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tlhapi e e jaaka ya salmon. Porofesa Michael Bernitsas wa Yunibesithi ya Michigan, U.S.A., o dumela jaana: “Gone jaanong ga re ise re fitlhelele bokgoni jwa tlhapi eno.”

O akanya eng? A bokgoni jwa tlhapi ya salmon jwa go ntsha maatla mo metsing a a sa iketlang bo nnile gone ka bojone fela? Kgotsa a bo ne bo tlhamilwe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bonala fa seno se ka kgonega, e re ka metsi a le mantsi mo lefatsheng a elela ka lobelo lwa dikilometara di le tlhano ka ura.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Top: © photolibrary. All rights reserved.