Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mabaka a go Ikanya Baebele

5. Boporofeti jo bo Diragaditsweng

5. Boporofeti jo bo Diragaditsweng

Akanya ka motho yo o bolelelang pele maemo a bosa yo o tumileng gore ka metlha o bua boammaaruri. Fa a ne a ka bolelela pele gore pula e tla na, a o ne o tla tsamaya ka sekhukhu?

BAEBELE e na le dipolelelopele kgotsa boporofeti jo bontsi. * E itsege go ralala hisitori gore mekwalo ya yone ga e na diphoso. Boporofeti jwa Baebele bo boammaaruri ka metlha.

Dikarolo tsa yone tse di sa tshwaneng le dipe.

Gantsi boporofeti jwa Baebele bo tlhomame mme bo ile jwa diragadiwa ka botlalo. Gantsi bo akaretsa dilo tse di botlhokwa thata mme bo bolelela pele dilo tse di farologaneng le tse batho ba ba neng ba tshela ka nako ya fa di kwalwa ba neng ba di lebeletse.

Sekai se se tlhomologileng.

E re ka Babelona wa bogologolo a ne a agilwe ka botlhale mo lefelong le le tshwanetseng go kgabaganya Noka ya Euferatese, e ne e bidiwa “boremelelo jwa dipolotiki, jwa bodumedi le jwa setso jwa dinaga tsa bogologolo tsa Botlhaba.” Mo e ka nnang ka 732 B.C.E., moporofeti Isaia o ne a kwala boporofeti jo bo tshosang—jwa gore Babelona e tlile go wa. Isaia o ne a tlhalosa dilo tse di rileng: Gore moeteledipele mongwe yo o bidiwang “Kurose” o ne a tla nna mofenyi mme metsi a Euferatese a a neng a sireletsa motse a ne a tla ‘kgala,’ mme dikgoro tsa motse di ne di se kitla di “tswalega.” (Isaia 44:27–45:3) Dingwaga di le 200 moragonyana, ka October 5, 539 B.C.E., boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa ka botlalo. Mokwalahisitori wa Mogerika e bong Herodotus (mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.) o ne a neela bosupi malebana le kafa Babelona e neng ya wa ka teng. *

Ditlhaloso tsa bopelokgale.

Isaia o ne a bolelela pele selo se sengwe gape se se tshosang malebana le Babelona: “Ga a kitla a nniwa.” (Isaia 13:19, 20) Go bolelelwa pele go senyediwa ruri ga motse o mogolo jaana e bile e le o o leng mo lefelong le le botlhokwa jalo e ne e le bopelokgale tota. Gantsi o ne o ka lebelela gore motse o o ntseng jalo o agiwe sesha fa e le gore o ne o sentswe. Le mororo motse wa Babelona o ne wa nna o ntse o le teng ka nakwana morago ga gore o fenngwe, kgabagare mafoko a ga Isaia a ne a diragadiwa. Gompieno lefelo le Babelona ya bogologolo e neng e le mo go lone “le sephaphathi, le mogote o o kgakgabetseng gape le tletse lerole,” go bega jalo makasine wa Smithsonian.

Go a gakgamatsa tota go akanya ka bogolo jwa boporofeti jwa ga Isaia. Se a neng a se bolelela pele se tshwana le go bolelela pele mokgwa o toropo ya segompieno ya New York kgotsa Lontone e tla senngwang ka one dingwaga di le 200 tse di tlang mme motho a bo a bolela a tlhomamisegile gore le ka motlha e ka se ka ya tlhola e nniwa ke ope. Gone ke boammaaruri gore se se gakgamatsang le go feta ke gore boporofeti joo jwa ga Isaia bo ile jwa diragadiwa! *

Baebele e ile ya bolelela pele sentle gore moeteledipele mongwe yo o bidiwang Kurose o ne a tla fenya Babelona e e maatla

Mo metseletseleng eno ya ditlhogo, re ile ra sekaseka bosupi bongwe jo bo ileng jwa dira gore batho ba le dimilione ba tlhomamisege gore tota Baebele e a ikanyega. Ka jalo, ba e tsaya e le buka e e ikanyegang e e ka ba kaelang mo dikgatong tsa bone. E kete o ka ithuta mo go oketsegileng ka Baebele gore o tle o itirele tshwetso ya gore a le wena o ka e ikanya.

^ ser. 4 Batho ba ba bolelelang pele maemo a bosa gantsi ba bua ka dilo tse ba sa tlhomamisegeng gore a di tla direga. Boporofeti jwa Baebele bo tlhotlheleditswe ke Modimo, yo a ka kgonang go dira gore dilo di diragale fa a batla.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa boporofeti jwa ga Isaia bo ileng jwa diragadiwa ka teng, bona ditsebe 27-29 tsa boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 8 Go bona dikai tse di oketsegileng tsa boporofeti jwa Baebele le mabaka a hisitori a a bontshang gore tota bo ile jwa diragadiwa, bona ditsebe 117-33 mo bukeng ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.