Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota ba Ile ba Tshela Nako e Telele Jalo?

A Tota ba Ile ba Tshela Nako e Telele Jalo?

A Tota ba Ile ba Tshela Nako e Telele Jalo?

Go ya ka Baebele, Adame o ne a tshela dingwaga di le 930, Sethe dingwaga di le 912 mme Methusela ene dingwaga di le 969—go ne go setse dingwaga di le 31 fela gore a nne dingwaga di le sekete! (Genesise 5:5, 8, 27) A dingwaga tseo di ne di tshwana le dingwaga tsa rona ka boleele, kgotsa a di ne di le dikhutshwane, gongwe di lekana le dikgwedi jaaka bangwe ba akanya?

Bosupi jo bo mo Baebeleng bo bua ka dingwaga tsa mmatota tse di lekanang le tsa rona ka boleele. Akanya ka seno: Fa e le gore dingwaga tsa bogologolo di ne di lekana le kgwedi ya rona, go raya gore banna ba ba latelang ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna borre ba sa ntse ba le babotlana thata. Go raya gore Kenane o nnile rre pele ga a nna dingwaga di le thataro mme Mahalalele le Enoke fa ba sena go tshwara dingwaga di le tlhano fela.—Genesise 5:12, 15, 21.

Mo godimo ga moo, batho ba bogologolo ba ne ba farologanya malatsi le dikgwedi le dingwaga. (Genesise 1:14-16; 8:13) Tota e bile, tatelano ya ditiragalo tsa motlha wa ga Noa di re thusa go bona gore kgwedi e ne e le boleele jo bo kana kang. Fa re bapisa Genesise 7:11, 24 le Genesise 8:3, 4 di bontsha gore dikgwedi di le tlhano—go simolola ka letsatsi la bo17 la kgwedi ya bobedi go ya go letsatsi la bo17 la kgwedi ya bosupa—di lekana le malatsi a le 150. Ka jalo, seo se bontsha gore Noa o ne a dirisa kgwedi ya malatsi a le 30, mme dikgwedi di le 12 di dira ngwaga.—Genesise 8:5-13. *

Mme go tlile jang gore batho ba tshele dingwaga di le 900 kana go feta? Baebele e re bolelela gore Modimo o bopile batho gore ba tshelele ruri mme Adame a tlisetsa lelapa la batho go sa itekanelang le loso. (Genesise 2:17; 3:17-19; Baroma 5:12) Batho ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela wa ga Noa ba ne ba le gaufi le boitekanelo go na le rona gompieno, mme seno ke sone se se neng se dira gore ba tshele lobaka lo loleele. Ka sekai, Methusela e ne e le kokomane ya bosupa go tloga mo go Adame.—Luke 3:37, 38.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Jehofa Modimo o tla tlosa boleo jotlhe jo bo bakilweng ke Adame mo bathong botlhe ba ba dumelang mo mading a a tsholotsweng a ga Morwawe, e bong Jesu Keresete. “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Ee, nako e etla e mo go yone dingwaga tsa ga Methusela di le 969 di tla bong di bonala e le nako e khutshwane tota!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 1214, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Kerafa mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

1000

Methusela

Adame

Sethe

900

 

 

 

800

 

 

 

700

 

 

 

600

 

 

 

500

 

 

 

400

 

 

 

300

 

 

 

200

 

 

 

100

Motho yo o tlwaelegileng gompieno