Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 103

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Jehofa o re solofetsa jaana: ‘Ga lo kitla lo lela, lo utlwa botlhoko, lo lwala kgotsa lo swa. Ke tla phimola dikeledi mo matlhong a lona. Ga lo kitla lo gopola dilo tsa nako e e fetileng.’

Jehofa o ne a baya Adame le Efa mo tshimong ya Edene gore ba tshele ka kagiso ba itumetse. Ba ne ba tshwanetse go obamela Rraabone yo o kwa legodimong le go nna le bana. Le fa Adame le Efa ba ile ba tlola molao wa ga Jehofa, boikaelelo jwa gagwe ga bo ise bo fetoge. Mo bukeng eno, re ithutile gore sengwe le sengwe se Modimo a se buang se a diragala. Mme fela jaaka a ile a solofetsa Aborahame, Bogosi jwa Gagwe bo tla dira gore lefatshe e nne paradaise.

Go ise go ye kae, Satane, madimona a gagwe le batho ba ba sa siamang, ba tla bo ba seyo. Batho botlhe ba tla bo ba obamela Jehofa. Ga re kitla re lwala kgotsa re swa. Go na le moo, re tla tsoga letsatsi le letsatsi re itumetse e bile re le matlhagatlhaga. Lefatshe e tla bo e le paradaise. Mongwe le mongwe o tla bo a na le legae le dijo. Batho ba tla tshedisana ka kagiso. Ga re kitla re tshaba diphologolo mme le tsone ga di kitla di re tshaba.

Re tla itumela tota fa Jehofa a tsosa batho ba ba suleng. Go tla tsosiwa batho ba bogologolo ba ba jaaka Abele, Noa, Aborahame, Sara, Moshe, Ruthe, Esethere le Dafide. Ba tla re thusa go dira gore Lefatshe e nne paradaise. Re tla bo re dira dilo tse dintsi tse di itumedisang.

Jehofa o batla gore le wena o nne gone kwa paradaiseng. O tla ithuta dilo di le dintsi ka ene. A re tsweleleng re le ditsala tsa gagwe gone jaanong mme re se ka ra mo tlogela!

“O a tshwanela, Jehofa, Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe.”—Tshenolo 4:11