Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mekete ya manyalo e ne e dirisediwa go tshwara dikopano

INDONESIA

Ga ba A ka Ba Lesa go Phuthega Mmogo

Ga ba A ka Ba Lesa go Phuthega Mmogo

Ka nako ya fa tiro e thibetswe, diphuthego di le dintsi di ne di kopanela mo malapeng a bakaulengwe. Mo diphuthegong tse dintsi go ne go sa opelwe dipina tsa Bogosi gore batho ba se ka ba lemoga se se diregang. Balaodi ba ne ba tlhasela mafelo mangwe a ba neng ba kopanela mo go one mme gantsi Basupi ba ne ba kgona go kopana mmogo ka kagiso.

Gantsi bakaulengwe ba ne ba tshwara dikopano ka nako ya dikokoano tsa malapa kgotsa mekete ya manyalo. Tagor Hutasoit o ne a re: “Ba ba tla bong ba nyalana ba ne ba kwadisa manyalo a bone ba bo ba kopa tetla kwa mapodiseng ya go dira mokete o le mongwe o motona wa lenyalo. Kwa moketeng, banyalani le baetsana ba bone ba ne ba nna mo seraleng fa bakaulengwe ba ntse ba beile dipuo.”

Kwa kopanong nngwe lepodise lengwe le ne la tseela Tagor kwa thoko.

Le ne la mmotsa jaana: “Gantsi manyalo a tsaya diura tse pedi kgotsa tse tharo. Jaanong goreng a lona a tsaya letsatsi lotlhe?”

Tagor o ne a re: “Banyalani ba bangwe ba a bo ba na le mathata ka jalo ba tlhoka go thusiwa ka Lefoko la Modimo.”

“Lepodise le ne la koma ka tlhogo le re: “Go a utlwala.”

Bakaulengwe ba ile ba dirisa mokete o motona wa lenyalo kwa setadiamong sa Jakarta go tshwara bontlhanngwe jwa Kopano ya Kgaolo ya “Kutlwano ya Bogosi” ka 1983. Bakaulengwe ba ka nna 4 000 le ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba nna gone, mme go ne ga kolobediwa batho ba le 125 pele thulaganyo e simolola. Moragonyana, fa thibelo e ne e sa gagamadiwa thata bakaulengwe ba ne ba tshwara dikopano tse di kgolwane go akaretsa le e nngwe e e neng ya nna le batho ba feta 15 000.

Lekala le Agiwa Tiro e Ntse e Thibetswe

Ka dingwaga tsa bo1980 le 1990, ofisi ya lekala e ne ya kopa puso ka makgetlo a le mantsi gore thibelo ya Basupi ba ga Jehofa e tlosiwe. Bakaulengwe ba kwa dinageng tse dingwe le bone ba ile ba kwalela puso ya Indonesia le baemedi ba yone ba botsa gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe kwa Indonesia. Le fa bontsi jwa badiredipuso ba ne ba dumalana le kgang ya go tlosa thibelo, Lefapha la Bodumedi Jwa Bokeresete le le neng le na le tlhotlheletso e ntsi, le ne la thibela maiteko a bone gangwe le gape.

Ka 1990, bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore go agiwe ofisi ya lekala kwa lefelong le le fitlhegileng. Mo ngwageng oo, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go rekwe moago o o gaufi le Bogor, torotswana e e dikilometara di le 40 kwa borwa jwa Jakarta. Le fa go ntse jalo, ke bakaulengwe ba se kae fela ba Ba-Indonesia ba ba neng ba na le kitso le bokgoni jwa go aga. Jaanong lekala le ne le tla agiwa jang?

Potso eno e ne ya arabiwa ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. Ofisi ya go Aga ya kwa Brooklyn le Ofisi ya Kgaolo ya Boenjenere kwa Australia di ne tsa dira dipolane tsa kago. Baithaopi ba ka nna 100 go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, ba ne ba ithaopela go thusa mo porojekeng eo e e tshotseng dingwaga di le pedi.

Mokaulengwe mongwe wa kwa Indonesia e bong Hosea Mansur yo o neng a buisana le balaodi ba puso mo boemong jwa bakaulengwe o ne a re: “Fa badiredipuso ba Bamoseleme ba bona ditlhaka, H.M. mo hutsheng ya me tse di emelang leina le sefane sa me, ba ne ba ithaya ba re H e emela Hājjī, e leng sereto se se tseelwang kwa godimo ke batho ba ba rapelang kwa Mecca. Ka jalo, ba ne ba ntlotla fela thata. Go sa tlhaloganye gono go dirile gore go rulaganya tiro ya go aga go nne motlhofo.”

Ofisi eno ya lekala e agilwe fa tiro e ne e thibetswe

Ofisi e ntšha ya lekala e ne ya neelwa ka July 19, 1996. Puo ya go neela lekala e ne ya bewa ke leloko la Setlhopha se se Laolang e bong John Barr. Palogotlhe ya batho ba ba neng ba le gone e ne e le 285, e e neng e akaretsa baemedi ba lekala ba le 118 le ba e kileng ya nna barongwa go tswa kwa dinageng tse di farologaneng le maloko a lelapa la Bethele ya Indonesia a le 59. Malatsi a le mabedi morago ga foo, batho ba le 8 793 ba ne ba kokoana go tla go reetsa Kopano ya Kgaolo kwa Jakarta ya setlhogo se se reng “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo.”

Jehofa o Golola Batho ba Gagwe

Ka 1998, Moporesidente Soeharto (Suharto) yo o feditseng dingwagangwaga a busa kwa Indonesia, o ne a leboga tiro, mo go rayang gore go ne go tla nna le puso e ntšha. Bakaulengwe jaanong ba ne ba leka ka natla gore thibelo e tlosiwe.

Ka 2001, fa Mokwaledi wa Puso ya Indonesia e bong Rre Djohan Effendi a ne a etetse kwa New York, o ne a ya go bona Bethele ya Brooklyn a bo a kopana le maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang. O ile a kgatlhiwa ke se a neng a se bona, mme a dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba itiretse leina le lentle lefatshe ka bophara. Rre Effendi o ne a dumalana le kgang ya gore thibelo e tlosiwe, le fa go ntse jalo, o ne a re seno se ikaegile ka mmueledi wa puso ya Indonesia e bong Rre Marzuki Darusman.

Mmueledi wa puso le ene o ne a dumalana le kgang eno, mme ba ba neng ba dira mo lefapheng la gagwe ba ne ba goga dinao go tlosa thibelo ka tsholofelo ya gore o tla tloga a tswa mo setulong. Kgabagare, ka June 1, 2001, Tagor Hutasoit o ne a bilediwa kwa ofising ya mmueledi wa puso. Tagor a re: “Dingwaga di le 25 tse di fetileng mo go yone ofisi eo, ke ne ka newa setlankana sa gore Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe, mme mo letsatsing leno, e leng letsatsi la gagwe la bofelo mo tirong, o ne a nnaya setlankana se se reng thibelo e tlositswe.”

Ka March 22, 2002, mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa kwa Indonesia o ne wa kwadisiwa semmuso ke Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi. Mookamedi wa lefapha leo o ne a raya baemedi ba lekala a re: “Setlankana seno sa go lo kwadisa ga se lo neye kgololesego ya kobamelo. Kgololesego eo e tswa kwa Modimong. Setlankana seno se tlhalosa fela gore bodumedi jwa lona bo kwadisitswe semolao. Jaanong lo na le ditshwanelo tse madumedi a mangwe a nang le tsone e bile puso e tla lo ema nokeng.”