Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mexico: Ba ne ba ithuta Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Dinaga Tsa Amerika

Dinaga Tsa Amerika
  • DINAGA 57

  • PALO YA BATHO 998 254 087

  • BABOLEDI 4 154 608

  • DITHUTO TSA BAEBELE 4 353 152

“Ke Tla Ithuta le Wena”

Ismael, yo o nnang kwa Mexico, o ne a dira tshwetso ya go bala Baebele yotlhe. O ile a e bala gabedi mo ngwageng mme moragonyana o ne a foufala. Morago ga dingwaga di le mmalwa, o ne a kopana le Mosupi wa ga Jehofa e bong Ángel mme ba ne ba tlotla ka ditsholofetso tsa Modimo. Ismael o ne a kgatlhegela go ithuta Baebele mme o ne a re: “Ke foufetse; ga ke kgone go bala Baebele.”

Ángel o ne a mo raya a re: “Se tshwenyege, ke tla go ruta Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng.”

Ismael o ne a re: “A o itse go o bala?”

Ángel a bo a re: “Nnyaa, mme gone ke tla ithuta le wena.” Ismael o ne a itumeletse go utlwa gore Ángel o tla mo thusa. Ángel o ne a ya gae, a dira dipatlisiso tsa gore a ka ithuta jang Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng, a bo a dira ditlhaka tsa mokwalo ono mo khatebokosong tse Ismael a neng a ka kgona go di ithuta a dirisa menwana. Morago ga moo, o ne a ruta Ismael go bala mokwalo oo. Go ise go ye kae, Ismael o ne a kgona go o bala mme o ne a ya dipokanong e bile o ne a bala dikgatiso tsa rona tsa mokwalo oo. Gone jaanong, Ángel o ithuta Baebele le batho ba le banê ba ba sa boneng. Ba rata go bua ka Paradaise ka gonne ka nako eo ba tla bo ba kgona go bona gape.

O ne A Ntimeletse

Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 14 wa kwa United States, e bong Viannei o ne a kwala jaana: “Mo tlelaseng ya thutoloago, morutabana o ne a simolola go bua ka madumedi. O ne a re re bue madumedi a re a itseng, ka jalo ke ne ka umaka Basupi ba ga Jehofa. Baithutikanna ba ne ba tshega ba bo ba re re ba senyetsa nako, ga re na sepe se se botoka se re ka se dirang, gape ba ne ba re ba tlhola ba latlha dikgatiso tsa rona. Tota le morutabana o ne a re bua maswe.

“Ka jalo, ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go ba rerela. Ke ne ka ba bolelela gore ga e se gore re a bo re ya go ba senyetsa nako fa re ba etela, go na le moo Jehofa o re roma gore re ye go ba naya kgakololo e e molemo e e mo Baebeleng. Ke ne ka ba kopa gore ba se ka ba latlha dikgatiso tsa rona ka gonne di ka fetola matshelo a bone le go ba boloka. Morutabana o ne a ikopela maitshwarelo mme a solofetsa gore mo nakong e e tlang fa Basupi ba ka mo etela gape, o tla ba amogela, a ba reetse le go bala dikgatiso tsa rona. Ke ne ke sa mo dumele.

“Ke ne ka kopana le ene morago ga dikgwedi di le nnê mme ke ne ka gakgamala fa a ne a mpolelela gore o ithuta Baebele. Morago ga dikgwedi di le thataro, o ne a mpatla kwa sekolong mme a ntebogela go bo ke mo reretse. O ne a ntimeletse ka gonne o ne a ipeotse moriri le ditedu. Gone jaanong ke mmoledi yo o sa kolobediwang.”

Go Rera Kwa Amazon

Ngwaga o o fetileng batho ba ga Jehofa ba kwa Brazil, ba ile ba lemoga gore kgaolo e e kgolo ya Amazon ga e ise e rerelwe. Batho ba le bantsi ba mo kgaolong eo ba ne ba ise ba ko ba utlwe dikgang tse di molemo. Ka ntlha ya seo, Setlhopha se se Laolang se ne sa rulaganya letsholo la ngwaga la go rerela batho ba le bantsi ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala mo kgaolong eo.

Brazil: Go rera kwa Amazon

Ofisi ya Lekala e ne ya tlhopha ditoropo di le 53 tse baboledi ba Bogosi ba neng ba tla ya go rera kwa go tsone mo kgaolong e e nang le dinoka di le dintsi ya Amazon. Mo dikgweding di le nnê fela, baboledi ba feta 6 500 ba ne ba ithaopela go ya go rera kwa mafelong ao.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le lesome ba ne ba ya kwa toropong ya Anamã kwa go neng go sena baboledi ba Bogosi gone, mme ba ne ba nna koo malatsi a le 11. Ba ne ba tsamaisa dikgatiso di feta 12 500 le go simolola dithuto tsa Baebele di ka nna 200 tse gone jaanong ba di tshwarang ba dirisa founo. Fa ba le koo, ba ne ba tshwara dipokano. Kwa dipokanong tsa bofelo tse ba neng ba di tshwere, ba ne ba itumelela go bona batho ba le 90 ba tlile dipokanong. Go sa ntse go tla nna le diphelelo tse di molemo ka ntlha ya letsholo leno.

O ne A Buelela jw.org

Jehizel le Mariana ba kwa Venezuela, ba na le dingwaga di le thataro ba tsena mmogo mo tlelaseng. E re ka Jehizel e le Mosupi wa ga Jehofa, Mariana o ne a tlhola a mo sotla. Mariana o ne a re Jehizel ga a itse go ijesa monate. Letsatsi lengwe fa Mariana a sena go mo sotla, Jehizel o ne a mo raya a re: “Mariana, tsena mo website ya rona ya jw.org. Fa o le mo go yone, tsena mo ‘Senka Dibidio’ o bo o tlhopha lebokose le le reng ‘Basha.’”

Mo go lone letsatsi leo, Mariana o ne a founela Jehizel, a bo a mo raya a re: “Jaanong ke a tlhaloganya gore ke eng fa o itshwere ka tsela eo.”

E re ka Jehizel a ne a sa mo tlhaloganye, o ne a re: “A o a bo o ntshotla gape?”

Mariana o ne a re: “Nnyaa, ga nkitla ke tlhola ke go sotla gape. O nthusitse gore ke bone gore go ijesa monate ke gone go mpakelang mathata a le mantsi.” Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Mariana a ithute Baebele, mme gone jaanong o ya dipokanong ka metlha.

O ne A Botsa Moruti Dipotso

Gérole, yo e neng e le mokwaledi wa kereke kwa Haiti, o ne a kgatlhiwa ke gore Basupi ba ne ba kgonne go araba dipotso tsotlhe tsa gagwe ba dirisa Baebele. Ene le morwadie ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Ba ne ba itumelela se ba neng ba se ithuta mo ba neng ba kopa gore ba ithute gabedi mo bekeng.

Morago ga dikgwedi di le tharo Gérole a ntse a ithuta, o ne a ya kwa moruting wa kereke ya gagwe a bo a mmotsa dipotso di le nnê: “Jesu o tlhomilwe go nna Kgosi ka ngwaga ofe? Batho ba ba siameng ba ya kae fa ba swa? Batho ba ba sa siamang ba ya kae fa ba swa? A Jesu o swetse mo sefapaanong kgotsa mo koteng?” Moruti yoo o ne a mo raya a re a ka kgona go araba potso ya bobedi le ya boraro fela. O ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba re go ya batho ba le 144 000 fela kwa legodimong. Mme nna ke a re batho botlhe ba ba dirang thato ya Modimo ba tla ya legodimong. Batho ba ba sa siamang bone ba tla fisiwa mo molelong wa dihele ka bosakhutleng.” Fa Gérole a ne a mo kopa gore a mmontshe Ditemana tse di dumalanang le se a se buang, o ne a palelwa ke go dira jalo. Gérole o ne a swaba nko go feta molomo mme o ne a ikemiseditse le go feta go tswelela a ithuta Baebele. O ne a tlogela kereke eo a bo a re o ithutile go le gontsi ka Baebele mo dikgweding di le tharo tsa fa a ne a ithuta le Basupi ba ga Jehofa go feta se a se ithutileng dingwaga di feta 30 kwa kerekeng. Bosheng jaana, Gérole le morwadie ba ne ba kolobediwa mme ba ithuta Baebele le batho ba le 23 mo motseng wa bone.

Haiti: Gérole le morwadie ba na le dithuto di le dintsi tsa Baebele