Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

“Ke Tla Tswelela ke le Mosupi wa ga Jehofa”

Ana María (Mary) Glass

“Ke Tla Tswelela ke le Mosupi wa ga Jehofa”
  • O TSHOTSWE KA 1935

  • O KOLOBEDITSWE KA 1956

  • DINTLHA KA GA GAGWE E ne e le mosha yo o tlhagafetseng wa Mokatoliki yo o ithutileng boammaaruri jwa Baebele mme a itshokela go ganediwa ke ba lelapa, Kereke le Puso.

KE NE ke rata kereke e bile ke le matlhagatlhaga mo Kerekeng ya Katoliki. Ke ne ke opela mo khwaereng ya kereke e bile ke tsamaya le baruti fa ba ya go tshwara ditirelo tsa Mmisa kwa metseng e e farologaneng. Ka 1955, nkgonne o ne a tlotla le nna ka Paradaise. O ne a mpha Baebele, bukana ya “This Good News of the Kingdom” le buka ya “Let God Be True.” Ke ne ke kgatlhegile tota mme ka botsa moruti gore a nka bala Baebele. O ne a nthaya a re “o tla tsenwa,” mme ke ne ka e bala fela.

Morago ga go fudugela kwa go rremogolo le mmèmogolo kwa Boca Chica, moruti mongwe o ne a mpotsa gore goreng ke sa ye kerekeng. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke lemogile gore dithuto tse dintsi tsa kereke ga di tswe mo Baebeleng. Moruti o ne a tuka bogale. O ne a re: “Bona fa mosetsana, o nku ya letsomane la me e e latlhegileng.”

Ke ne ka mo araba jaana: “Nnyaa, wena o nku ya ga Jehofa e e latlhegileng ka gonne dinku tsotlhe ke tsa ga Jehofa e seng tsa motho ope.”

Ga ke a ka ka tlhola ke ya kerekeng. Ke ne ka ya go nna le nkgonne mme dikgwedi di le thataro morago ga go ithuta boammaaruri, ke ne ka kolobediwa. Ka gangwe fela, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga ngwaga ke ne ka nyalwa ke Enrique Glass, yo e neng e le molebedi wa potologo. Nako nngwe fa re rera kwa phakeng ya La Romana, mapodisi a ne a tshwara Enrique. Ke ne ka taboga ka fa morago ga bone ke ntse ke re: “Le nna ke Mosupi wa ga Jehofa e bile le nna ke ne ke rera. Goreng nna lo sa ntseye?” Mme ba ne ba sa batle go nkisa kgolegelong.

Enrique o ne a kile a nna palogotlhe ya dingwaga di le supa le halofo mo kgolegelong. Mo lekgetlong leno o ne a atlholetswe dikgwedi di le 20. Ke ne ke etela Enrique Sontaga mongwe le mongwe. Nako nngwe fa ke mo etetse, mokapotene wa kgolegelo o ne a mpotsa jaana: “Wa re o batlang fano?”

Ke ne ka re: “Monna wa me o tshwaretswe go bo e le Mosupi wa ga Jehofa.”

O ne a re: “O sa ntse o le mosha e bile o na le bokamoso jo bo molemo. Goreng o senya nako ya gago ka Basupi ba ga Jehofa?”

Ke ne ka mo araba jaana: “Le nna ke Mosupi wa ga Jehofa. Le fa o ka mpolaya ga supa wa bo wa ntsosa ga supa, ke tla tswelela ke le Mosupi wa ga Jehofa.” O ne a setse a utlwile mme a ntaela gore ke tsamaye.

Fa thibelo e sena go tlosiwa, nna le Enrique re ne ra tswelela ka go direla ka dingwaga di le dintsi mo potologong le mo kgaolong. Enrique o ne a tlhokafala ka March 8, 2008. Nna ke sa ntse ke le mmulatsela wa ka metlha.