Efangele ya ga Luke 13:1-35

  • Go ikwatlhaya kgotsa go swa (1-5)

  • Setshwantsho sa setlhare sa mofeige o o sa ungweng (6-9)

  • Mosadi yo o golafetseng o fodisiwa ka Sabata (10-17)

  • Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara le sebediso (18-21)

  • Motho o tshwanetse go dira ka natla go tsena ka kgoro e tshesane (22-30)

  • Herode o bidiwa “phokoje” (31-33)

  • Jesu o hutsafalela Jerusalema (34, 35)

13  Ka yone nako eo, batho bangwe ba ba neng ba le foo ba ne ba mmolelela ka Bagalalea ba Pilato a neng a ba bolaya fa ba ntse ba ntsha ditlhabelo.  O ne a ba raya a re: “A lo akanya gore Bagalalea bao e ne e le baleofi ba ba bosula go feta Bagalalea ba bangwe botlhe ka gonne ba diragaletswe ke dilo tseo?  Nnyaa, ga go a nna jalo; le fa go ntse jalo, fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tla swa fela jaaka bone.+  Kgotsa a lo akanya gore batho ba ba 18 bale ba tora ya Siloame e neng ya ba wela e bo e ba bolaya, ba ne ba na le molato o mogolo go feta batho ba bangwe botlhe ba ba nnang mo Jerusalema?  Nnyaa, ga go a nna jalo; le fa go ntse jalo, fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tla swa fela jaaka bone.”  Go tswa foo, o ne a ba bolelela setshwantsho seno: “Monna mongwe o ne a jadile setlhare sa mofeige mo tshimong ya gagwe ya morara,* mme o ne a tla go batla maungo mo go sone, mme a se ka a a fitlhela.+  O ne a raya motho yo o tlhokometseng tshimo ya morara a re, ‘Jaanong e setse e le dingwaga di le tharo ke ntse ke tla go batla maungo mo setlhareng seno sa mofeige, mme ga ke fitlhele leungo lepe. Se reme! Ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go tswelela se gola mme se sa ntshe maungo?’  Motlhokomedi yoo o ne a mo raya a re, ‘Mong wa me, se tlogele ngwaga o mongwe gape gore ke tle ke epe go se dikologa ke bo ke tshela motshotelo.  Fa e le gore se tla ntsha maungo mo nakong e e tlang, go tla bo go siame e bile go le molemo; mme fa se sa ungwe, ke gone o ka laelang gore se remiwe.’”+ 10  Jaanong o ne a ruta mo sinagogeng nngwe ka Sabata. 11  Mme go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a lwala dingwaga di le 18 ka gonne a na le ledimona; o ne a obegile thata e bile a sa kgone go inamologa gotlhelele. 12  Fa Jesu a mmona, o ne a mmitsa a bo a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.”+ 13  Mme o ne a mmaya diatla, ka bonako fela o ne a inamologa a bo a simolola go galaletsa Modimo. 14  Le fa go ntse jalo, modiredi yo o okametseng sinagoge o ne a araba a galefile ka gonne Jesu a ne a fodisa ka Sabata. O ne a raya boidiidi jwa batho a re: “Tiro e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le marataro fela;+ ka jalo, lo tle go fodisiwa mo malatsing ao, e seng ka letsatsi la Sabata.”+ 15  Le fa go ntse jalo, Morena o ne a mo raya a re: “Baitimokanyi+ ke lona, a mongwe le mongwe wa lona ga a ke a golola poo ya gagwe kgotsa tonki ya gagwe mo lesakeng ka Sabata a bo a ya go e nosa?+ 16  A jaanong mosadi yono, yo e leng morwadia Aborahame le yo Satane a neng a mmofile dingwaga di le 18, ga a tshwanela go gololwa mo bokgobeng jono ka letsatsi la Sabata?” 17  Fa a ntse a bua dilo tseno, baganetsi ba gagwe botlhe ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong, mme batho ba bangwe botlhe ba ne ba itumelela dilo tsotlhe tse di gakgamatsang tse a di dirileng.+ 18  Ka jalo, o ne a re: “Bogosi Jwa Modimo bo tshwana le eng, mme nka bo bapisa le eng? 19  Bo tshwana le tlhaka ya mosetara e motho a neng a e tsaya a bo a e jala mo tshingwaneng ya gagwe, mme e ne ya gola e bo e nna setlhare, mme dinonyane di ne tsa nna mo dikaleng tsa sone.”+ 20  Gape o ne a re: “Nka tshwantsha Bogosi Jwa Modimo le eng? 21  Bo tshwana le sebediso se mosadi mongwe a neng a se tsaya a bo a se tlhakanya le bupi jwa dilekanyo tse dikgolo* di le tharo go fitlha bupi joo jotlhe jo bo dubilweng bo bela.”+ 22  Fa a le mo loetong a ya Jerusalema, o ne a tsamaya a tsena mo metseng le mo metsaneng ka go latelana a ruta batho. 23  Jaanong monna mongwe o ne a mo raya a re: “Morena, a ke boammaaruri gore go tla bolokwa batho ba le mmalwa fela?” O ne a ba raya a re: 24  “Lekang ka natla go tsena ka kgoro e tshesane,+ ka gonne ke a lo bolelela, batho ba le bantsi ba tla batla go tsena mme ga ba kitla ba kgona. 25  Fa mong wa ntlo a ema a bo a lotlela lebati, lo tla ema kwa ntle lo bo lo kokota fa lebating, lo re, ‘Morena, re bulele.’+ Le fa go ntse jalo, o tla lo raya a re: ‘Ga ke itse gore lo tswa kae.’ 26  Foo lo tla simolola go re, ‘Re ne re ja e bile re nwa o le teng, e bile o ne o ruta mo ditseleng tsa rona tse dikgolo.’+ 27  Le fa go ntse jalo, o tla lo raya a re, ‘Ga ke itse gore lo tswa kae. Tswang fa go nna, badirabosula ke lona!’ 28  Fa lo bona Aborahame, Isake, Jakobe le baporofeti botlhe ba le mo Bogosing Jwa Modimo mme lona lo latlhetswe kwa ntle, fa lo le koo lo tla bokolela lo bo lo phuranya meno a lona.+ 29  Mo godimo ga moo, batho ba tla tla ba tswa kwa botlhaba le kwa bophirima, le kwa bokone le kwa borwa, mme ba tla nna fa tafoleng mo Bogosing Jwa Modimo. 30  Mme go na le ba bofelo ba e tla nnang ba ntlha, e bile go na le ba ntlha ba e tla nnang ba bofelo.”+ 31  Ka yone nako eo Bafarasai bangwe ba ne ba tla mme ba mo raya ba re: “Tswa fano o tsamaye, ka gonne Herode o batla go go bolaya.” 32  Mme o ne a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go bolelela phokoje eo lo re, ‘Gompieno le kamoso ke leleka madimona mo bathong e bile ke a ba fodisa, mme mo letsatsing la boraro ke tla bo ke feditse.’ 33  Mme gone, ke tshwanetse go tswelela ka tiro ya me gompieno le kamoso le letsatsi le le latelang, ka gonne go ka se kgonege* gore moporofeti a bolaelwe kwa ntle ga Jerusalema.+ 34  Jerusalema wee, Jerusalema wee, wena yo o neng wa bolaya baporofeti wa bo wa kgobotletsa ba ba rometsweng kwa go wena ka maje,+ ke gantsi tota ke batla go phutha bana ba gago mmogo jaaka koko e namagadi e phuthela dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa gana.+ 35  Bonang, Modimo o tla tlogela tempele eno.*+ Ke a lo bolelela, ga lo kitla lo tlhola lo mpona go fitlha lo re: ‘A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa!’”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seger., “dilekanyo tsa sea.” Sea e lekana le 7,33 L. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “go ka se direge.”
Seger., “ntlo ya lona.”