Dipesalema 62:1-12

  • Poloko ya mmatota e tswa kwa Modimong

    • “Ke letetse Modimo ka tidimalo” (1, 5)

    • ‘Tshololelang Modimo se se mo dipelong tsa lona’ (8)

    • Batho ke mohemo fela (9)

    • Lo se ka lwa ikanya dikhumo (10)

Go mokaedi wa Jeduthune.* Pina ya ga Dafide. 62  Eleruri ke letetse Modimo ke le pelotelele. Poloko ya me e tswa kwa go ene.+   Eleruri, Modimo ke lefika la me le poloko ya me, lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng;*+Ga nkitla ke reketlisiwa thata.+   Lo tla tlhasela motho ka lobaka lo lo kae e le gore lo mmolaye?+ Lotlhe fela lo kotsi jaaka lobota lo lo sekameng, lobota lwa maje lo lo tlogang lo wa.*   Gonne ba a buisana gore ba mo dige mo maemong a gagwe a a kwa godimo;*Ba itumedisiwa ke go bua maaka. Ba segofatsa ka melomo ya bone, le fa go ntse jalo mo dipelong tsa bone ba a hutsa.+ (Selah)   Eleruri ke letetse Modimo ke le pelotelele+Ka gonne tsholofelo ya me e tswa kwa go ene.+   Eleruri, Modimo ke lefika la me le poloko ya me, lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng;Ga nkitla ke reketlisiwa.+   Poloko ya me le kgalalelo ya me di ikaegile ka Modimo. Modimo ke lefika la me le le nonofileng, botshabelo jwa me.+   Lona batho, mo ikanyeng ka dinako tsotlhe. Mo tshololeleng se se mo dipelong tsa lona.+ Modimo ke botshabelo jwa rona.+ (Selah)   Bomorwa batho ba tshwana fela le mohemo,Bomorwa batho ke botshabelo jo bo ka se ikanngweng.+ Fa ba beilwe mmogo mo sekaleng, ba motlhofo go feta mohemo.+ 10  Lo se ka lwa ikanya bogagapaKgotsa lwa itsietsa ka go baya tsholofelo ya lona mo bonokwaneng. Fa dikhumo tsa lona di oketsega, lo se ka lwa tlhoma dipelo tsa lona mo go tsone.+ 11  Modimo o ne a bua gangwe, mme ka utlwa seno gabedi: Gore nonofo ke ya Modimo.+ 12  Lorato lo lo sa kgaotseng le lone ke lwa gago, Jehofa,+Gonne o duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kago ya me e e sireletsegileng.”
Kgotsa gongwe “Lotlhe fela, jaaka e kete e ne e le lobota lo lo sekameng, lobota lwa maje lo lo tlogang lo wa.”
Kgotsa “mo seriting sa gagwe.”