Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | LENYALO

O ka Dirisa Thekenoloji Jang?

O ka Dirisa Thekenoloji Jang?

 Tsela e re dirisang thekenoloji ka yone e ka koafatsa lenyalo la rona kgotsa ya le nonotsha. Thekenoloji e ka ama lenyalo jang?

 Se o tshwanetseng go se itse

  •   Go dirisa thekenoloji sentle go ka solegela lenyalo molemo. Ka sekai, banyalani bangwe ba e dirisa go buisana fa ba se mmogo.

     “Molaetsa fela o mokhutshwane o o reng ‘Ke a go rata’ kgotsa ‘Ke go gopotse’ o ka dira gore wena le molekane wa gago lo atamalane.”—Jonathan.

  •   Go se dirise thekenoloji sentle go ka tsenya lenyalo la lona mo kotsing. Ka sekai, banyalani bangwe ba nna fela ba le mo difounong kgotsa mo dithaboleteng tsa bone mme seo se dira gore ba tlhome mogopolo mo go tsone go na le go tlhoma mogopolo mo balekaneng ba bone.

     “Ke akanya gore ka dinako dingwe monna wa me a ka bo a itumeletse go bua le nna fa nkabo ke sa tlhoma mogopolo mo founong.”—Julissa.

  •   Banyalani bangwe ba re ba kgona go tlotla monate le balekane ba bone ba ntse ba tsweletse ba dirisa difouno kgotsa dithabolete tsa bone. Go ya ka moithutatlhaloganyo e bong Sherry Turkle, go akanya gore o ka kgona go dira dilo tseno tse pedi ka nako e le nngwe ke go ikaketsa. Le fa batho ba dumela gore go dira dilo di le mmalwa ka nako e le nngwe go siame, tota ga go a siama. A re boammaaruri ke gore “fa re leka go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe, seo se dira gore re se ka ra di dira sentle.” a

     “Ke kgona go tlotla monate le monna wa me, mme e seng fa a leka go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe. Fa a dira jalo, ke ikutlwa e kete ga a ntlhoke.”—Sarah.

 Sa botlhokwa: Tsela e re dirisang thekenoloji ka yone e ka tokafatsa lenyalo la rona kgotsa ya le tsenya mo kotsing.

 Se o ka se dirang

 Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Baebele e a re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Ipotse gore, ‘A nna le molekane wa me re tlhoma mogopolo thata mo di dirisiweng tsa thekenoloji mo re feleletsang re se na nako ya go nna mmogo?’

 “Tota go a swabisa go bona banyalani mo resetšhurenteng mme mongwe le mongwe wa bone a tlhomile mogopolo mo founong ya gagwe. Ga re batle go tlhoma mogopolo mo di dirisiweng tsa rona tsa thekenoloji mo re ka feleletsang re itlhokomolositse molekane wa rona wa lenyalo.”—Matthew.

 Ipeele melelwane. Baebele e a re: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng.” (Baefeso 5:15, 16) Ipotse gore, ‘A nka beela nako kwa thoko ya go araba melaetsa e e seng botlhokwa, go na le gore fa molaetsa o tsena ke bo ke potlakela go o araba?’

 “Ke lemogile gore go a thusa go baya founo ya me mo silent, ke bo ke araba melaetsa ya me ke iketlile. Ga se gantsi ke lelediwa, ke romelelwa melaetsa kgotsa e-mail e ke tlhokang go e araba ka bonako.”—Jonathan.

 Fa go kgonega, tlogela dilo tsa tiro kwa tirong. Baebele e a re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” (Moreri 3:1) Ipotse gore: ‘A ke letla tiro e kgoreletsa botshelo mo lelapeng la me ka gonne ke dirisa founo go dira dilo tsa kwa tirong le fa ke le kwa gae? Fa go le jalo, seno se ama jang lenyalo la me? Molekane wa me a ka araba jang potso eno?’

 “Thekenoloji e dira gore re kgone go berekela gongwe le gongwe, ka nako nngwe le nngwe e re e batlang. Ke ne ka dira maiteko gore ke tlogele go nna ke leba founo ya me kgapetsakgapetsa le dilo tsa tiro fa ke na le mosadi wa me.”—Matthew.

 Tlotla le molekane ka go dirisa thekenoloji. Baebele e a re: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Tlotlang ka gore lo dirisa thekenoloji jang, le gore ke diphetogo dife tse lo tlhokang go di dira. Lo ka dirisa lebokoso la dikakantsho fa lo tlotla ka kgang eno.

 “Nna le monna wa me re bulelana mafatlha e bile re a buisana fa re bona e kete mongwe wa rona o dirisa founo kgotsa thabolete thata. Re a itse gore seno e ka nna serai mo go rona, ka jalo, fa yo mongwe a tshwenyegile ka sengwe, ga re itlhokomolosane.—Danielle.

 Sa botlhokwa: Dirisa thekenoloji mme o se ka wa e letla gore e go laole.

a Go tswa mo bukeng ya Reclaiming Conversation—The Power of Talk in a Digital Age.