Fetela kwa tshedimosetsong

Go Tshela Madi—Dingaka Tsa Reng?

Go Tshela Madi—Dingaka Tsa Reng?

Go setse go fetile masome a dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba latofadiwa ka go bo ba sa dumele go tshelwa madi. E re ka ba sa tshelwe madi ka ntlha ya taelo ya Baebele ya go ‘ithiba mo mading,’ gantsi seo se ne se sa dumalane le se dingaka di neng di tsaya gore ke kalafi e e ka solegelang balwetse molemo.​—Ditiro 15:29.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba dirang mo go tsa kalafi ba ne ba buelela mefuta mengwe ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone.

Kgatiso ya Spring 2013 ya Stanford Medicine Magazine, e leng lokwalopaka lwa Stanford University School of Medicine, e na le pego e e kgethegileng e e buang ka madi e karolo ya yone e neng e re, “Go Fokotsega ga go Dirisa Madi mo Kalafing​—Go Bakwa ke Eng?” Mokwadi wa setlhogo seno e bong Sarah C. P. Williams, a re: “Dipatlisiso di bontshitse gore mo dingwageng di le lesome tse di fetileng mo dikokelong di le dintsi mo lefatsheng, go ne ga dirisiwa madi a mantsi a a abilweng go feta a molwetse a a tlhokang—kwa diphaposing tsa karo le kwa diphaposing tse balwetse ba bewang kwa go tsone.”

Mokwadi o ne a nopola mafoko a ga Patricia Ford, M.D., mosimolodi le mokaedi wa Setheo sa Kalafi le Karo Tse go sa Dirisiweng Madi mo go Tsone kwa Pennsylvania Hospital. Dr. Ford o ne a re: “Dingaka di rutilwe gore batho ba tla swa fa ba se na selekanyo se se rileng sa madi le gore madi a boloka botshelo . . . Seo se boammaaruri mo maemong mangwe, * mme mo maemong a le mantsi ga se boammaaruri.”

Dr. Ford, yo o tlhatlhobang Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 700 ngwaga le ngwaga, o ne a oketsa ka go re: “Dingaka tse dintsi tse ke buileng le tsone . . . di ne di dumela gore balwetse ba le bantsi ba tla swa fa ba sa tshelwe madi . . . Tota le nna nka tswa ke ne ke akanya jalo. Mme se ke neng ka se ithuta ka bofefo ke gore o ka kgona go alafa balwetse bano o dirisa mefuta e mengwe e e motlhofo.”

Ka Phatwe 2012, lokwalopaka lwa Archives of Internal Medicine lo ne lwa kwala dipholo tsa dipatlisiso tse di dirilweng mo lobakeng lwa dingwaga di le 28, tsa balwetse ba ba neng ba dira karo ya pelo kwa setheong sengwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fola ka bonako go feta balwetse ba ba neng ba tshetswe madi. Basupi ga ba a nna le mathata a a kalo fa ba le kwa bookelong, ga ba a swa ka bontsi, e bile ba kgonne go tshela dingwaga di le 20 morago ga karo fa ba bapisiwa le balwetse ba ba tshetsweng madi.

Setlhogo se se mo The Wall Street Journal e e gatisitsweng ka Moranang 8, 2013, se ne sa re: “Dikaro tse go sa dirisiweng madi mo go tsone ga di bolo go dirwa dingwaga di le dintsi mo balwetseng ba ba sa tshelweng madi ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Gone jaanong maokelo a dirisa mokgwa ono thata . . . Dingaka tse di dumalanang le dikaro tse go sa dirisiweng madi mo go tsone tsa re mo godimo ga go fokotsa ditshenyegelo tsa go reka, go boloka, go tlhatlhoba, go dira diteko le go tshela madi, mofuta ono o fokotsa dikotsi tse di amanang le go tshela madi le mathata mangwe a a dirang gore balwetse ba nne lobaka lo loleele kwa bookelong.”

Ga go gakgamatse go bo Robert Lorenz, mokaedi wa tsa kalafi yo o okametseng dikgang tsa madi kwa Cleveland Clinic a re: “O ikutlwa e kete o thusa molwetse fa o mo tshela madi . . . Mme dipatlisiso di bontsha fa go se jalo.”

^ ser. 5 Fa o batla go itse gore Basupi ba ga Jehofa ba leba go tshelwa madi jang, bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang​—Ke Eng Fa lo Sa Dumele go Tshelwa Madi?