Fetela kwa tshedimosetsong

Kagiso mo Lefatsheng—Ke Eng Fa go Le Thata Jaana go e Bona?

Kagiso mo Lefatsheng—Ke Eng Fa go Le Thata Jaana go e Bona?

Karabo ya Baebele

Matsapa a batho ba a tsereng go lere kagiso mo lefatsheng a retetse mme a tla tswelela a retela ka ntlha ya mabaka a le mmalwa:

  • “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Batho ga ba a bopiwa ba na le bokgoni kgotsa tshwanelo ya go ipusa, ka jalo ba ka se kgone go tlisa kagiso e e nnelang ruri.

  • “O se ka wa ikanya baeteledipele ba batho; ga go motho ope yo o ka go bolokang. Fa ba swa, ba boela mo loroleng; ka letsatsi leo maikaelelo otlhe a bone a a fela.” (Pesalema 146:3, 4, Good News Translation) Baeteledipele ba lefatshe, tota le ba ba nang le maitlhomo a a molemo, ga ba kgone go tlisa tharabololo e e nnelang ruri ya lebaka la konokono la dintwa.

  • “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna . . . ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-4) Re tshela “mo metlheng ya bofelo” ya lefatshe leno le le boikepo, nako e maikutlo a batho a dirang gore go nne thata go dira kagiso.

  • “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Diabolo, mmaba wa Modimo, o ntse a thibeletswe mo lefatsheng mme o tlhotlheletsa batho gore ba etse moya wa gagwe wa bogale. Fa fela e sa ntse e le “mmusi wa lefatshe,” re ka se tsoge re nnile ka kagiso.—Johane 12:31.

  • “[Bogosi jwa Modimo] bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a ganetsang Modimo], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi jwa Modimo, e seng puso epe ya motho, bo tla tlisa se re se eletsang e leng kagiso ya lefatshe lotlhe e e nnetseng ruri.—Pesalema 145:16.