Fetela kwa tshedimosetsong

Jesu O ne A Lebega Jang?

Jesu O ne A Lebega Jang?

Karabo ya Baebele

Ga go na motho yo o itseng gore Jesu o ne a lebega jang ka gonne Baebele ga e bue sepe ka ditebego tsa gagwe. Seno se bontsha gore ditebego tsa ga Jesu ga se selo se re tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone. Mme gone, Baebele e re thusa go tlhaloganya gore Jesu a ka tswa a ne a lebega jang.

  • Ditebego: Jesu e ne e le Mojuda. (Bahebera 7:14) Mmaagwe le ene e ne e le Mojuda, ka jalo, ga go bonale a ne a ka a lebega ka tsela epe e sele. Nako nngwe o ne a tswa kwa Galalea a ya kwa Jerusalema batho ba sa lemoge le gore ke ene. (Johane 7:10, 11) Ga go bonale a ne a farologane thata le barutwa ba gagwe. Fa boidiidi jwa batho bo ne bo tla le Judase Isekariota go tla go tshwara Jesu, Judase o ne a tshwanelwa ke go ya go mo supa.—Mathaio 26:47-49.

  • Moriri: Ga go bonale Jesu a ne a na le moriri o moleele ka gonne Baebele ya re “fa monna a na le moriri o moleele, ke tlontlologo mo go ene.”—1 Bakorintha 11:14.

  • Ditedu: Jesu o ne a na le ditedu. O ne a latela molao wa Bajuda o o neng o re monna ga a tshwanela go kgaola ‘dintlha tsa ditedu tsa gagwe.’ (Lefitiko 19:27; Bagalatia 4:4) Gape Baebele e bua ka ditedu tsa ga Jesu ka tsela ya boporofeti go bontsha pogo e a neng a tlile go lebana le yone.—Isaia 50:6.

  • Mmele: Jesu o ne a na le mmele o o itekanetseng. O ne a tsamaya sekgala se seleele a ya go rerela batho. (Mathaio 9:35) O lelekile batho mo tempeleng makgetlo a mabedi, a diga ditafole tsa bone tsa madi le go ntsha diphologolo ka seme. (Luke 19:45, 46; Johane 2:14, 15) Cyclopedia ya ga McClintock le ya ga Strong di tlhalosa Jesu jaana: “Diefangele tsotlhe tse di buang ka [Jesu] di bontsha gore o ne a na le mmele o o itekanetseng.”​—Bolumo IV, tsebe 884.

  • Sefatlhego: Sefatlhego sa ga Jesu se tshwanetse sa bo se ne se bontsha gore ke motho yo o botsalano le yo o utlwelang batho botlhoko. (Mathaio 11:28, 29) Batho ba ne ba tla kwa go ene fa ba batla go thusiwa le go gomodiwa. (Luke 5:12, 13; 7:37, 38) Le bana tota ba ne ba rata go tla kwa go ene.—Mathaio 19:13-15; Mareko 9:35-37.

Dikgopolo tse di phoso malebana le ditebego tsa ga Jesu

Kgopolo e e phoso: Batho bangwe ba akanya gore Jesu o tshwanetse ya bo e ne e le Moafrika ka gonne buka ya Baebele ya Tshenolo e tshwantsha moriri wa gagwe le boboa mme ya re dinao tsa gagwe di tshwana le “boronse e e gotlhilweng.”—Tshenolo 1:14, 15, The New Jerusalem Bible.

Boammaaruri: Buka ya Tshenolo e tlhalosa dilo e dirisa “ditshupo.” (Tshenolo 1:1) Temana e e buang ka moriri le dinao tsa ga Jesu e dirisa sekapuo go bontsha botho jwa ga Jesu fa a sena go tsosiwa mo baswing e seng go tlhalosa ditebego tsa gagwe fa a ne a le mo lefatsheng. Fa Tshenolo 1:​14 e re ‘tlhogo le moriri wa ga Jesu di ne di le ditshweu jaaka kapoko,’ e bua ka mmala wa moriri e seng tsela e letlalo la gagwe le neng le ntse ka yone. Moriri o mosweu o bontsha gore Jesu o botlhale. (Tshenolo 3:14) Temana eno ga e tshwantshe moriri wa ga Jesu le boboa kana kapoko.

Baebele e tshwantsha dinao tsa ga Jesu le “kgotlho e e borethe fa e tuka mo leubelong.” (Tshenolo 1:15) Gape ya re sefatlhego sa gagwe se ne se “tshwana le letsatsi fa le phatsima ka maatla a lone.” (Tshenolo 1:16) E re ka go se na morafe ope o letlalo la one le nang le mmala o o ntseng jalo, ditemana tseno di bua ka tsela ya tshwantshetso, ka jalo, di bontsha gore Jesu o ‘nna mo leseding le le ka se kang la atamelwa.’—1 Timotheo 6:16.

Kgopolo e e phoso: Jesu o ne a le bokoa.

Boammaaruri: Jesu o ne a nonofile. Ka sekai, o ne a bontsha gore o pelokgale fa a ne a ikitsise mo boidiiding jo bo neng bo tlile go mo tshwara. (Johane 18:4-8) Jesu o tshwanetse a bo a ne a nonofile ka gonne e ne e le mmetli e bile o ne a dirisa dithulusu tse di bokete.—Mareko 6:3.

Jaanong goreng Jesu a ne a tlhoka go tshwarisiwa kota e a neng a kokotetswe mo go yone? Goreng a ile a tlhokafala pele ga batho ba ba neng ba bapotswe le ene? (Luke 23:26; Johane 19:31-33) Pele Jesu a bolawa, mmele wa gagwe o ne o le bokoa thata. Ga a ka a robala bosigo jotlhe, lengwe la mabaka a seo ke ka gonne o ne a tshwenyegile thata. (Luke 22:42-44) Mo bosigong joo, Bajuda ba ile ba mo itaya mme mo mosong Baroma ba ile ba mo tlhokofatsa. (Mathaio 26:67, 68; Johane 19:1-3) Gongwe ke tsone dilo tse di dirileng gore a swe ka bonako.

Kgopolo e e phoso: Jesu o ne a tlhola a menne phatlha.

Boammaaruri: Jesu o ne a tshwana le Rraagwe ka gonne Baebele ya re Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11; Johane 14:9) Tota e bile Jesu o ne a ruta batho gore ba direng fa ba batla go itumela. (Mathaio 5:3-9; Luke 11:28) Dintlha tseno di bontsha gore Jesu e ne e le motho yo o itumetseng.