Fetela kwa tshedimosetsong

Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?

Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?

Karabo ya Baebele

Boleo jo bo sa itshwarelweng ke jo motho a bo dirang ka bomo mo go dirang gore a se ka a tlhola a itshwarelwa ke Modimo. Go tla jang gore motho a nne jalo?

Modimo o itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang maleo a bone, ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe ba bo ba bontsha gore ba dumela mo go Jesu Keresete. (Ditiro 3:19, 20) Le fa go ntse jalo, motho a ka tswelela ka go dira boleo mo a sa tlholeng a kgona go fetola mekgwa kgotsa boitshwaro jwa gagwe. Baebele ya re motho yo o ntseng jalo o na le “pelo e e boikepo” e e ‘kgwaraladitsweng ke maatla a a tsietsang a boleo.’ (Bahebera 3:12, 13) Fela jaaka letsopa le ka se kgone go bopiwa gape fa le tswa mo bobesetsong, pelo ya motho yoo e kgona go nna kgatlhanong le Modimo go ya go ile. (Isaia 45:9) Ga go kitla go nna le sepe se se ka dirwang gore motho yoo a itshwarelwe, ka jalo o nna le molato wa boleo jo bo ka se itshwarelweng.—Bahebera 10:26, 27.

Ka motlha wa ga Jesu, baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ile ba dira boleo jo bo ka se itshwarelweng. Ba ne ba itse sentle gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso ka moya o o boitshepo wa Modimo, mme se se gakgamatsang ke gore ba ne ba re o newa maatla ao ke Satane Diabolo.—Mareko 3:22, 28-30.

Dikai tsa maleo a a ka itshwarelwang

  • Go tlhapatsa ka ntlha ya botlhokakitso. Moaposetoloi Paulo e kile ya nna motlhapatsi mme moragonyana o ne a re: “Ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.”—1 Timotheo 1:13.

  • Boaka. Baebele e bua ka batho bangwe ba ba kileng ba dira boaka mme ba fetola boitshwaro jwa bone ba bo ba itshwarelwa ke Modimo.—1 Bakorintha 6:9-11.

“A ke dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng?”

Fa e le gore ruri o tlhoile tsela e o neng o tshela ka yone e bile o batla go e fetola, Modimo a ka go itshwarela. Gape Modimo a ka kgona go itshwarela motho yo o dirang boleo joo kgapetsakgapetsa fa fela a ikwatlhaya go tswa pelong.—Diane 24:16.

Batho ba bangwe ba ka tswa ba ikutlwa e kete ba dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng ka gonne ba tshwenngwa ke maikutlo a go nna ba ipona molato. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhalosetsa gore ga re ka ke ra tshepa maikutlo a rona ka metlha. (Jeremia 17:9) Modimo ga a re naya tetla ya go atlhola ope—tota le go ikatlhola. (Baroma 14:4, 12) O kgona go re itshwarela tota le fa dipelo tsa rona di sa ntse di re bona molato.—1 Johane 3:19, 20.

A Judase Isekariota o ne a dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng?

Ebu. Go nna bogagaru ga gagwe go dirile gore a utswe madi a a neng a beetswe dilo tse di boitshepo. O ne a itira e kete o kgathalela batho ba ba humanegileng ntswa maitlhomo a gagwe e ne e le go utswa madi a mangwe. (Johane 12:4-8) Fa pelo ya ga Judase e setse e kgwaraladitswe ke boleo, o ne a oka Jesu gore a newe dipapetlana tsa selefera di le 30. Jesu o ne a itse gore Judase a ka se tsamaye a ikwatlhaela boleo jwa gagwe, ka jalo a mmitsa “morwa tshenyego.” (Johane 17:12) Seno se raya gore fa Judase a swa, o ne a tla nyelediwa ka bosakhutleng e bile a se kitla a tsosiwa mo baswing.—Mareko 14:21.

Judase ga a ka a bontsha gore o ikwatlhaela boleo jwa gagwe go tswa pelong. Ga a ka a ipolela molato mo Modimong, go na le moo o ne a ipolela mo baeteledipeleng ba bodumedi ba a neng a logile segwenegwene le bone.—Mathaio 27:3-5; 2 Bakorintha 7:10.