Fetela kwa tshedimosetsong

A Bakanoki ba a Dumela Gore Jesu o Kile a Nna Gone?

A Bakanoki ba a Dumela Gore Jesu o Kile a Nna Gone?

Bakanoki ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jesu o kile a nna gone. Fa Kgatiso ya 2002 ya Encyclopædia Britannica e umaka se bakwadi ba hisitori ba lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga ba ileng ba se bua ka Jesu le Bakeresete ba bogologolo, ya re: “Dipego tseno tse di ikemetseng ka nosi di supa gore mo metlheng ya bogologolo tota le baganetsi ba Bokeresete ga ba ise ba ko ba ganetse gore Jesu ke motho yo o kileng a nna gone, e leng kgang e e simolotseng go ganediwa lantlha e bile e le ka mabaka a a sa utlwaleng go ela kwa bofelong jwa lekgolo la dingwaga la bo18 le la bo19 le go ya kwa tshimologong ya lekgolo la bo20.”

Ka 2006 buka ya Jesus and Archaeology e ne ya re: “Gompieno ga go na mokanoki ope yo o tseelwang ka godimo yo o ganetsang kgang ya gore Mojuda mongwe yo o bidiwang Jesu morwa Josefa o kile a tshela; bontsi jwa bone ba a dumela gore gone jaanong re itse go le gontsi ka ga ditiro tsa gagwe le dithuto tsa gagwe tsa motheo.”

Baebele e tlhalosa Jesu e le motho wa mmatota. E re bolelela maina a bagolwagolwane ba gagwe le ba lelapa la gagwe. (Mathaio 1:1; 13:55) Gape e re itsise maina a babusi ba ba tumileng ba ba tshetseng mo motlheng wa ga Jesu. (Luke 3:1, 2) Dintlha tseo di thusa babatlisisi go tlhotlhomisa gore dipego tsa Baebele di boammaaruri go le kana kang.