Fetela kwa tshedimosetsong

Boroutšhara jo bo Nang le Dimmapa Tsa Mafelo a Baebele

Boroutšhara jo bo Nang le Dimmapa Tsa Mafelo a Baebele

Boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo na le dimmapa tsa mafelo a Baebele mme o ka bo dirisa go ithuta Baebele o le nosi. Baebele e bua ka mafelo, metse le dinaga di le dintsi. Fa o dirisa boroutšhara jono go bala le go ithuta Baebele, bo tla go thusa go tlhaloganya se o se balang. Boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo tla go thusa go bona le go tlhaloganya gore dipego tsa Baebele di diragetse kae. Gape bo ka go thusa go tlhaloganya gore tsela e mafelo mangwe a neng a bopegile ka yone a ile a ama jang ditiragalo dingwe tsa Baebele.

Boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo na le dimmapa tsa mebala le ditšhate tsa mafelo a a farologaneng a a mo Baebeleng. Gape boroutšhara jono bo na le di-diagram le dilo tse dingwe tse di ka go thusang fa o ntse o ithuta.

Boroutšhara jo bo nang le dimmapa tsa mafelo a Baebele bo tla go thusa go

  • tlhaloganya mafelo a Aborahame, Isake le Jakobe, ba neng ba ya kwa go one

  • bona tsela e Baiseraele ba neng ba tsamaya mo go yone fa ba ne ba tswa kwa Egepeto ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng

  • bapisa lefatshe la Baiseraele le lefatshe la baba ba bone

  • bona mafelo a Jesu a neng a tsamaya mo go one fa a ne a rera

  • bona gore mafelo a go buiwang ka one mo Baebeleng a a neng a laolwa ke mmusomogolo a ne a le bogolo jo bo kae, go akaretsa Babelona, Gerika le Roma

O ka kgona go bala boroutšhara jono mo Watchtower LAEBORARI YA MO INTERNET.