Fetela kwa tshedimosetsong

MORANANG 7, 2014
Germany

Richard Rudolph, yo o Neng a Tsenngwa mo Dikampeng Tsa Pogisetso, o Swela Kwa Jeremane a le 102

Richard Rudolph, yo o Neng a Tsenngwa mo Dikampeng Tsa Pogisetso, o Swela Kwa Jeremane a le 102

SELTERS, Jeremane—Richard Rudolph, Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a tsenngwa mo dikampeng di le tlhano tsa pogisetso tsa Banasi le mo kgolegelong ka nako ya puso ya Bokomonisi, o sule ka Ferikgong 31, 2014. O ne a na le dingwaga di le 102.

Fa Banasi ba simolola go busa ka 1933, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo dikarolong tse dintsi tsa Jeremane. Ka ntlha ya seo, Basupi ba le 11 300 ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ke Banasi, mme ba le 4 200 mo go bone ba ile ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso go akaretsa Rre Rudolph. Batho ba ka nna 1 500 ba ile ba tlhokafala. Mo pusong ya Banasi, Rre Rudolph o feditse dingwaga di le robongwe a le mo kgolegelong le mo dikampeng tse tlhano tsa pogisetso, go akaretsa dikampa tse di itsegeng thata ka bosetlhogo tsa Sachsenhausen le Neuengamme, kwa go neng ga tshwarwa batho ba feta 300 000 le kwa batho ba ka nna 140 000 ba swetseng teng.

Richard Rudolph (mo marulelong, kwa thoko mo mojeng) e ne le mongwe wa magolegwa a a neng a patelediwa go aga kampa ya pogisetso ya Neuengamme ka 1940.

Ka 1944, Rre Rudolph o ile a fudusediwa kwa kampeng e e laolwang ke Neuengamme ya Salzgitter-Watenstedt. Tumelo ya gagwe e ne e sa mo letle gore a dire tiro epe e e amanang le go dira dibetsa mme ka ntlha ya seno o ne a tshosediwa ka go bolawa. Le fa go ntse jalo, lesole le le botsalano la SS le le ileng la kgatlhiwa ke tumelo ya ga Rudolph le ile la mo fitlha mo terakeng ya dijo gore a se ka a bolawa.

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Rudolph o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya bodumedi e le Mosupi wa ga Jehofa mo Soviet Occupation Zone, e moragonyana e neng ya bidiwa German Democratic Republic (GDR). O ile a tshwarwa gape ka 1950 mme a atlholelwa go ya kgolegelong. Palogotlhe ya dingwaga tse a di feditseng kwa kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe di feta 19.

Ann-Jacqueline Frieser le Richard Rudolph, yo polelo ya gagwe ya botshelo e mo gapetseng sekgele ka 2009.

Ka masomesome a dingwaga, mokgele wa ga Richard Rudolph e ne e le go rerela ba bangwe molaetsa wa Baebele le go ba bolelela ka se a se ithutileng mo nakong e e fetileng malebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa tlhaolele. Ka 2009, moithuti wa Mojeremane, e bong Ann-Jacqueline Frieser o gapile dikgele tse pedi ka ntlha ya potsolotso le polelo ya botshelo jwa ga Richard Rudolph mo Kgaisanong ya Hisitori ya Moporesidente wa Puso, e e bidiwang “Bagaka: Ba Tlotlomaditswe—Ga ba Tlhaloganngwe—Ba Lebetswe.” O tsere maemo a ntlha mo porofenseng ya Rheinland-Palatinate mme o ne a nna mongwe wa baithuti ba bararo ba ba gapileng sekgele sa Puso.

Wolfram Slupina, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa mo Jeremane a re: “Richard Rudolph e ne e se tsala e e rategang le moobamedi ka rona fela mme gape e ne e le motho wa botlhokwa mo hisitoring. O re tlhometse sekao se se molemo ka tumelo le bopelokgale jwa gagwe.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110