Fetela kwa tshedimosetsong

Georgia

Dintlha ka Georgia

Dintlha ka Georgia

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna teng kwa Georgia fa e sa le ka 1953. Ba kwadisitswe semolao e bile ba obamela Modimo ba gololesegile. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape ba lebana le mathata ka gonne go na le batho ba ba sa rateng bodumedi jwa bone.

Go tloga ka 1999 go fitlha ka 2003, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa botlhoko ke batho ba ba neng ba sa rate bodumedi jwa bone. Ditlhaselo tseo di ile tsa gakala ka gonne mapodise a ne a gana go tshwara batho bao. Ka nako eo, leloko lengwe la palamente le ne la atlega mo go direng gore mekgatlho ya Basupi ba ga Jehofa e phimolwe semolao mme seo se ne sa dira gore Basupi ba tlhaselwe le go feta. Basupi ba ile ba tlhatlhela dikgetsi di le thataro kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) le go kopa kgotlatshekelo eo gore e ba thuse go rarabolola bothata jono. ECHR e ne ya ntsha dikatlholo tse pedi tse di tshwanang, ka 2007 le ka 2014, mme e ne ya kgala puso gore e paletswe ke go rarabolola ditlhaselo tseo ka bonako le go thusa batho ba ba ileng ba tlhaselwa. Mme ka 2015, puso e ne e amogela gore e ne e sa tshwanela go phimola semolao mekgatlho ya Basupi ba ga Jehofa ka 2001.

Fa e sa le ka 2004, ditlhaselo kgatlhanong le Basupi di ne tsa fokotsega fela thata. Tiro ya bone e ntse e oketsega e bile ba kgonne go aga Diholo Tsa Bogosi di le dintsi. Mme ka dinako tse dingwe ba na le go tlhaselwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Bothata jono bo ntse bo tsweletse pele ka gonne mapodise ga a tshware dikebekwa tseno. Basupi ba ga Jehofa ba solofela gore puso ya Georgia e tla latela katlholo ya ECHR ka go batlisisa ditlhaselo tseno ka bonako le go sekisa batho ba ba di dirileng.