Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Dira Rekoto e Ntšha

Basupi ba ga Jehofa ba Dira Rekoto e Ntšha

Ka 1987, Lyman Swingle yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bua le batho ba le 63 580 ba ba neng ba kopane kwa Plaza Monumental kwa Valencia, Venezuela. Batho ba le bantsi ba ne ba tsere loeto bosigo jotlhe go tla go mo reetsa. Mokaulengwe Swingle o ne a re: “Jaanong ga lo tlhole lo le setlhotswana sa batho. Lo setlhopha sa batho. Mme tsela e dilo di ntseng ka yone gone jaanong, letsatsi lengwe naga ya lona le yone e tla nna le baboledi ba le 100 000!”

Ka ngwaga wa 1987, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 38 000 ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa Venezuela. Ka nako eo, go ne go na le dinaga di le robedi fela tse di neng di na le baboledi ba feta 100 000.

Palo ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara e ne e oketsega ka lobelo lo logolo. Morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha, go ne go na le Basupi ba le dikete di le mmalwa fela ba ba neng ba rera phatlalatsa. Seno se ile sa fetoga. Buka ya 1943 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya re: “Pego ya ngwaga wa 1942 e segofaditswe tota le fa gone ka ntlha ya maemo mangwe e sa felela sentle . . . , ka gonne e bontsha gore mo lefatsheng lotlhe, go nnile le koketsego ya baboledi ba le 106 000 ba ba begang tiro ya bone [ya go rera dikgang tse di molemo.]” Tota le ka dikhuduego tsa Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba reetsa molaetsa wa Baebele. Ka 1950, palo ya baboledi kwa United States e ne ya feta 100 000.

Nigeria le yone e ne e ya bega palo ya baboledi ba le 100 000 ka 1974.

Mo ngwageng o o latelang, palo ya baboledi ba kwa Brazil le Jeremane e ne ya feta 100 000. Kgolo eo e e nnileng gone mo dikontinenteng di le nnè ke bosupi jwa gore batho mo lefatsheng lotlhe ba rata molaetsa wa Baebele.

Palo ya batho ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo e tswelela go gola mo lefatsheng lotlhe. Seno se dumalana le se Baebele e ileng ya se bolelela pele fa e ne e re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.”—Isaia 60:22.

Go ya ka pego ya ngwaga wa tirelo ya 2014, go na le dinaga di le 24 tse di nang le baboledi ba ba fetang 100 000. Di akaretsa Venezuela, e e neng ya tshwara palo eo ka 2007. Go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di le 115 416 le baboledi ba le 8 201 545 mo lefatsheng lotlhe.

Dinaga tse di nang le baboledi ba feta 100 000

Kontinente

Naga

Baboledi

Afrika

Angola

108 607

Congo, Democratic Republic of

216 024

Ghana

125 443

Nigeria

362 462

Zambia

178 481

Asia

Japane

215 703

Korea, Repaboliki ya

100 641

Ditlhaketlhake Tsa Philippine

196 249

Yuropa

Boritane

138 515

Fora

127 961

Geremane

166 262

Italy

251 650

Poland

123 177

Russia

171 268

Spain

112 493

Ukraine

150 906

North America

Canada

116 312

Mexico

829 523

United States of America

1 243 387

South America

Argentina

150 171

Brazil

794 766

Colombia

166 049

Peru

123 251

Venezuela

140 226