Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Tila Batho ba e Kileng ya Nna Maloko a Bodumedi Jwa Lona?

A lo Tila Batho ba e Kileng ya Nna Maloko a Bodumedi Jwa Lona?

 Ga re tile batho ba e kileng ya bo e le Basupi ba ga Jehofa ba jaanong ba sa tlholeng ba rerela batho ba bangwe, gongwe e bile ba katogela kgakala ba sa tlhole ba kopanela le badumedikabone. Tota e bile, re leka go ba thusa go boa ba kgatlhegela dilo tsa semoya.

 Ga e re fa motho a dirile boleo jo bo masisi re bo re setse re potlakela go mo kgaola. Le fa go ntse jalo, fa Mosupi yo o kolobeditsweng a nna le mokgwa wa go tlola melao ya Baebele mme a sa ikwatlhaye, re tila motho yoo kgotsa re a mo kgaola. Baebele e laela jaana ka tlhamalalo: “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 5:13.

 Go tweng ka monna yo o kgaotsweng mme mosadi wa gagwe le bana bone e sa ntse e le Basupi ba ga Jehofa? Kamano ya lelapa e a nang le yone le ba lelapa la gagwe ga e fetoge, go fetoga fela kamano ya bone e e amang dilo tsa bodumedi. Kamano ya lenyalo le lorato lwa bone lwa lelapa le go dirisana mmogo di tla tswelela.

 Batho ba ba kgaotsweng ba letlwa go tla kwa dithulaganyong tsa rona tsa bodumedi. Fa ba batla, gape ba ka newa kgakololo ya semoya ke bagolwane ba phuthego. Boikaelelo jwa go dira jalo ke go thusa motho yoo go boa gape a tshwanelegela go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ba kgaotsweng ba ba sa dumalaneng le boitshwaro jo bo sa siamang e bile ba bontsha ka pelo yotlhe gore ba batla go tshela ka melao ya Baebele, ba amogelwa ka diatla tsoopedi go boa e nna maloko a phuthego.