Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng fa lo Etela Batho ba ba Setseng Ba na Le Bodumedi?

Ke Eng fa lo Etela Batho ba ba Setseng Ba na Le Bodumedi?

 Re lemogile gore batho ba le bantsi ba ba setseng ba na le bodumedi ba itumelela go tlotla ka dikgang tsa Baebele. Mme gone, re tlotla tshwanelo ya motho ya go nna le bodumedi jo bo farologaneng le jwa rona, e bile ga re pateletse ope molaetsa wa rona.

 Fa re tlotla le batho ka bodumedi, re leka go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore re dire jalo “ka bonolo” le go bontsha batho “tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Re a itse gore bangwe ba tla gana molaetsa wa rona. (Mathaio 10:14) Le fa go ntse jalo, re ka se itse gore motho o tla tsiboga jang go fitlha re bua le ene. Gape re a itse gore maemo a batho a a fetoga.

 Ka sekai, motho a ka nna a bo a tshwaregile thata mo a ka se kgoneng go bua la rona mo letsatsing lengwe mme ka nako e nngwe a ka itumelela go tlotla le rona. Mme gape, batho ba ka lebana le mathata kgotsa maemo a masha a ba tshwanelwang ke go a itshokela mme seo se ka ba dira gore ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Ka jalo re leka ka bojotlhe go tlotla le batho ka makgetlo a le mmalwa.